Malwetse a Terebe a Fungi

© Oliver MacDonald

Tshobokanyo ya Fungi

Fungus ke setshedinnyennye se se nnye se o kareng sejalô. E dirwa ke peo mme morago ga go tlhoga e dira dikalana tsa hyphae. Gantsi e melela ka bonako ka fa tlase ga maemo a bongola jo bo bothitho mme e dire dipeo tse di anamiswang ke phefo le metsi. Sekai se se ntle sa fungus ke mouta o o tlhogang mo senkgweng fa se bolokilwe mo kgetsaneng ya polasetiki matsatsi a le mmalwa. Bongola le bothitho jo bo ka mo gare ga polasetiki bo siametse dipeo gore di tlhoge.
Dipeo tsa fungi di pheulelwa kgotsa di gasaganngwa mo letlhareng le le metsi la morara, mo letlhakeng kgotsa mo ngataneng ya terebe mme di tlhoge ka fa tlase ga maemo a a bongola. E tsenelela mo letlhareng ka go dirisa stoma (lesobana, le le fitlhelwang mo epidermis ya letlhare), kgotsa boalo jwa letlhare. Fungi e iphepa ka disele tsa sejalô mme e tswe dikalana go ya ntlheng tsotlhe, e somola dikotla mme disele di fetogele kwa mmaleng o o borokwa kgotsa o mosetlha. Togwa eno e e suleng e nna borokwa mme morago e nne ntsho fa hyphae e tshweu e le mabudunyana e mele go tswa mo stoma.
Fungi e ka dula e sa dire sepe mo dikarolwaneng tsa sejalô se se tshwaetsegileng, mo mmung, kgotsa le mo makukunyeng tota. Fa tshwaetsegô e setse e diragetse, ga go bonolo go laola fungi, fela taolo e e siameng e bonwa ka dibolaya-fungi tse di gaswang. Dibolaya-fungi tse di tshelwang di monyelwa ke sejalô mme di bolaye fungi go tswa ka mo gare ga sejalô. Malwetse a a tlwaelegileng a fungi ke powdery mildew (oidium), downy mildew (Plasmopara viticola), dead arm disease (streepvlek - Phomopsis viticola), botrytis (vaalvrot), Eutypa dieback (tandpyn) le ‘Black Goo’ (wortelvrot).

Translated by Nchema Rapoo