Majwe a Richtersveld

Kgang ya Popego-Naga

©Shem Compion
Kgang ya popego-naga ke tema e e matswakabele e e thatanyana. Mo godimo ga fao, Richtersveld le Namaqualand di na le motseletsele o mo leele o sa tlhaloganyesege wa paka ya geology, o mo go bueng nnete, o nkgagamatsang. Le fa go le jalo, tebego e e sa tlwaelegang ya tikologo, botshelo jwa dimela, masalela a dimenerale le ngwao e e humileng mo kgaolong di golagane ka tlhamalalo le majwe a di leng mo go ona. Ka jalo, dintlhakgolo tsa kgang eno ke tseno…
Dillaga tsa majwe tse di bonweng lantlha mo kgaolong ya Namaqualand di bonwe dingwaga di ka nna 2 million tse fetileng. A itsagale jaaka Orange River Group, ke majwe a gantsi a bopegileng gotswa mo sekgwamolelong. Matlapa a setswamolelo a Orange River Group ane morago a tlhatlaganngwa le matlapa a leraga (sandstone le shale). A santse a kwa bonwa kwa popông ya Rosyntjieberg, e e kwa Richtersveld National Park.

Ditiragalo tsa Tsenelelô

©Jacques Marais
Go latetse paka e telele ya ditiragalo tsa tsenelelô, e mo go yona lejwe le le gakolositsweng le le tswang mo karolong ya mmu ya Mantle le neng la kgarametswa go sutlha ka diphatlhana tsa legogo la mmu le go rurufatswa gaufi le boalo. Seno se lerile dikgobakanyo di le mmalwa tsa matlapa a granite tse di bopileng ‘boalo’ jwa granite, jo bo atologang gotswa kwa Knersvlakte (bokone jwa Vanrhynsdorp) go fitlha Steinkopf. Kgaolo eno ga jaana e itsagale jaaka Namaqualand Metamorphic Complex kgotsa Province, ka ge mogote gotswa mo ditsenelelông tseno tsa ka fa tlase ga lefatshe o fetotseng (metamorphosed) majwe a a mabapi.
Ka jalo, matlapa a setswamolelo a fetogetse go schist, shale e fetogile slate mme sandstone e nnile quartzite. Mo Richtersveld, ditsenelelô tseno di akaretsa Vioolsdrift Suite (e e beilweng dingwaga di le 1.9-1.75 billion tse di fetileng), the Richtersveld Igneous Suite (ya dingwaga tse di kwa morago di le 1 billion) le Gannakouriep Suite (motseletsele wa matlapa a mantsho a tsenelelô a a yang ntlheng yavbokone-borwa a a beilweng mo magareng ga dingwaga di le million tse 870 le 560 tse di fetileng).

Dikarolwana tsa Mafic

©Roger de la Harpe
Karolwana e e botlhokwa ya ditiragalo tseno tsa tsenelelô ke go nna teng ga motseletsele wa ‘dikarolwana tsa mafic’, e e nang le sesiti sa copper le dimenerale tse dingwe tse di boleng. Dikarolwana tse di itlhaotseng tseno tsa ditswammunng di fitlhelwa mo ‘dikagegong tse di pagamelang’ mme di itsagale tsotlhe jaaka Koperberg Suite. Disiti tsa copper tse di tlhakatlhakaneng tsa Namaqualand di ne morago tsa tshameka karolo e e botlhokwa mo tlhabololong ya kgaolo.
Mme, dingwaga di ka nna 850 million tse di fetileng, bogolo jwa lefatshe-kgolo la Pangaea le ne la simolola go kgaogana (kgotsa go phatlhoga) go nna dikontinente tse re di itseng gompieno. Seno se ne sa baka gore mosele wa lewatle o bopege mo ntlheng ya bokone-borwa go ralala bogolo jwa Namaqualand ya gompieno. Sediro gotswa nagateng se ne kwa morago sa gogolegela mo moseleng ono, go ipopaganya go nna dipopegô tse di farologaneng tsa Gariep Group.

Vandersterr le Stinkfontein

©Jacques Marais
Mo Richtersveld, mangwe a maraga ano go akanywa fa a kokoane kwa dinaong tsa motseletsele wa thaba tsa bogologolo. Seno se bakile gore calcium carbonate go itlhaola gotswa mo metsing, go dira limestone le dolomite. Majwe ano a ne morago a itemogela mogote le kgatelelô ya mowa, tse di bakileng gore a fetogele go quartzite e e sa gogolegeng le dimmabole tsa setlhopha sa Stinkfontein. Karolwana e nngwe ya setlhopha sa Stinksfontein ke Kaigas Formation, kokoanô ya lejwe la tillite, le le lerilweng ke boswa-kgapetla jo bo kileng jwa feta mo kgaolong. Seno ke sesiti sa boswa-kgapetla se se itsiweng se se gologolo mo lefatsheng.
Dithaba tsa Vandersterr le Stinkfontein (tse gotweng ke mokwatla wa Richtersveld) ke karolo ya setlhopha seno mme di na le dingwe tsa ditlhoa tse di kwa godimo go gaisa mo kgaolong. Ka bofelo-tshidisano, dithaba tse pedi tseno di botlhokwa ka gonne di dira jaaka sekgoreletsi se se thibelang maru a a hupileng metsi gotswa tswa kwa lewatleng la Atlantic go ka fitlhelela kwa nagabogareng. Seno se baka maemonyana a le mmalwa a bosa ka mo gare ga Richtersveld, se eleng sengwe sa dilo tse di nang le seabe mo go nneng teng ga mefutafuta ya dimela ele mentsi kwa Richtersveld.

Nama le Numees

©Shem Compion
Mo go latelang, dingwaga di ka nna 570 million tse di fetileng, go ne go le paka maraga e e tlhodileng ditlhopha tsa Nama le Numees, tse di dirwang ke dolomite, limestone (Hilda Suite), shale le sandstone. Dingwaga di le 540 tse di fetileng, setlhopha seno sa matlapa a a rapaletseng se ne sa tsenelelwa ke kokoanô ya matlapa a granite ya Kuboos-Bremen, e e diragalang mo moleng o o makgwakgwa o o tabogang ntlheng ya bokonebophirima-borwabotlhaba.
Thaba ya Ploegberg (gaufi le motse wa Kuboes) le pluton ya Tatasberg ya granite (e e mo Richtersveld National Park) ke karolo ya kokoanô eno. Pluton tseno ke dikgolokwe tse kgolo tsa matlapa a a tlholegileng fa didiro tsa setswamolelo di tlhatlhoga gotswa mo karolong ya mmu e e mogote e e ka fa tlase ga lefatshe e e bitswang Mantle le go folela ka fa tlase ga boalo jwa lefatshe, mme a senoge fela fa matlapa a a fa godimo ga ona a gogolega. Sekai se sengwe sa pluton ke Paarl (Pearl) Rock e e tumileng, e e kwa borwa-bophirima jwa Kapa.
Dingwaga di ka nna 450 million tse di fetileng, go phatlhoga go go tswelelang ga dikontinente go bakile gore makgwêlô a lewatle a magolo a bulege mo karolong e ga jaana eleng borwa-bophirima jwa Kapa. Seno se bakile gore maatla a kgotlhegô a a neng a ja plateau ya Namaqualand e sutele kwa borwa. Maraga a ka jalo a neng a iswa mo makgwelong a mantšhwa a ne kwa bofelong a bopa metseletsele ya Cape Fold Mountain le mmu o o tlhaelang dikotla wa Cape Floral Kingdom (e e itsagaleng gape jaaka Fynbos).

Translated by Nchema Rapoo