Maele ka ga Meagô ya Dikolobe

©Glenneis Kriel
Moagô o tshwanetse go tsamaisana le mofuta wa kolobe e o batlang go e tlhagisa. Matsopa a a sa tokafatswang a kgona go itshoka ka fa tlase ga maêmô a tikologo le a tlhagiso a a makgwakgwa go na le matsopa a a tokafaditsweng, ka jalo o ka kgona go dirisa moagô o o tlhwatlhwa-tlase ka ona fa go bapiswa le matsopa a a tokafaditsweng.
A ka kgona go diragatsa bontle mo dikampeng tse di bonolo tsa terata kgotsa lebota tse di ruletsweng, kgotsa dihôkô tse di bulegileng tse di fanang ka dikarolo tse di ruletsweng le go agelelwa ka lebota. Fela matsopa a a tokafaditsweng, a tla dira botoka ka fa tlase ga dithulaganyo tsa tlhagiso tse di tseneletseng go feta, gape le mo tikologong e e sireletsegileng go feta, selo se se ka dirwang ka moagô o o ageletsweng ka bontlhanngwe kgotsa ka gotlhelele.

Dikakanyetso

©Glenneis Kriel
Le fa go ka nna thata go dira seno fa o simolola ka dikolobe fela di le mmalwa, go fa tlhogo go rulaganya le go bopa ditlamelo tsa tlhagiso gore di nne bonolo go ka oketswa mo isagong. Tiriso ya ditlabakelo tse di kileng tsa diriswa kgotsa tse di latlhilweng, le go ikagela meagô ka bowena, go tlile go thusa go fokotsa tlhwatlhwa ya ditshenyegelo, fela go ka nna tlhwatlhwa-godimo fa nako e ntse e tsamaya ka ge meagô e ka se falole sebaka jaaka ya ditlabakelo tse di ntšhwa.
Ditlamelo di tshwanetse go nolofatsa tlhagiso ka fa go kgonegang, mo lobakeng lwa go repa ga diphologolo, bolaodi jwa tlhagiso le go phepafatswa bonolo. Bodilo jwa mmu bo ka amogelesega go matsopa a a sa tokafatswang, fela ka metlha go tshwanetse ga nna le lefelo le le omileng le le phepa le dikolobe di tla robalang mo go lona. Tlhopho e e botoka e ka nna bodilo jwa semente, jo bo bonolo go ka phepafatswa. Semente se tshwanetse go tsholwa se sa thubega go tila dikgobalo.
Mo meagông e e tokafetseng go feta, bodilo jwa polasetiki e e diphatlhanaphatlhana gantsi e a diriswa go tshola dikolojane tse potlana di thuthafetse, mme bodilo jwa semente bo dirisetswa dikolobe tse kgolwane. Bodilo bo tshelwa matlapana a a borethe, ka phokotsego ya 1% gotswa kwa morago goya kwa kgorong ya ntlwana ya kwa morago, mme e na le dithulaganyo tse di siameng tsa slurry go tokafatsa kelometsi le go nolofatsa phepafatso.

©Glenneis Kriel
Mabotana a ka agwa gotswa mo ditlamelwaneng dingwe le dingwe tse di leng teng ka bogaufi, jaaka logong, diboloko tsa semente, ditena kgotsa ditshipi, mme di tiile go ka tshola dikolobe di le ka mo gare, mme ditena tse di kgaphilweng sentle kgotsa konkereite gantsi ke yona tlhopho e e gaisang, goya ka bukana-kaedi ya tlhagiso ya South African Pork Producers Organisation (SAPPO), eleng Pigs for Profit.
Dihôkô ka keletso di tshwanetse go nna bonnye boleele jwa 1,2 meter mme nako dingwe go feta fao, fa o na le setlodi se se ntle mo motlhapeng. Mabotana ka fa gare le ona a tshwanetse go nna borethe a sena dikarolwana tse di motsu tse di ka bakang dikotsi.
Mealô ya tshipi kgotsa masenke gantsi e diriswa jaaka borulelo, fela a ka nna mogote thata ka selemo. Bukana-kaedi ya SAPPO e eleletsa gore barui ba pente masenke ka bosweu kgotsa ba a khurumetse ka dikala go fokotsa dithemphoritšhara ka mo ntlwaneng. Bojang bo dira borulelo jo bo siameng jo bo tsholang ntlwana ya dikolobe e rurufetse ka selemo mme e thuthafetse ka mariga.
Dithulelo di tshwanetse go kukelwa kwa godimo ga lebotana ka dipale tsa kota kgotsa tsa tshipi kgotsa ka dipilara, go tsenya lesedi le le siameng, tsamao e e gololesegileng ya mowa le go letla motsamao o o repileng ka mo ntlwaneng.
Mo meagông e e tokafetseng go feta, sekganedi se a diriswa go thibela kgatelelô ya mogote le go fokotsa ditshenyegelo tsa motlakase, ka go tshola bothitho ka mo gare ga ntlwana ka mariga le go bo tshola bo le kwa ntle ka selemo. Ditlamelwana di le mmalwa di ka diriswa jaaka sekganedi, mme polystyrene ke yona e diriswang ka go anama.
Goya ka buka ya ga Dannie Visser, Modern Pig Production, ditlamelwana tse di siameng di tlile:
go se monyele metsi,
go se fiswe ke molelo,
go se nne kotsi mo tikologong,
go nna thata
go nna boleng
go se senngwe bonolo ke diphologolo kgotsa fa go dirwa tsatsi le tsatsi,
go se senngwe bonolo ke ditshedi, jaaka dikhukwana, microbes, ditshenekgegi, magotlo kgotsa dinonyana tse di tlhaga.

Translated by Nchema Rapoo