Maele a Kagô ya Thuonong

© Chris Daly

Pele o ka simolola bodirelo jwa thuonong, akanya ka ga melawana ya mmasepala ka ga tlhagisô ya diphologolo mo kgaolong ya gago. Melawana enô e farologana go ya ka mmasepala mongwe le mongwe mme e laola palo ya dikgogo le maemô a di tsholwang ka fa tlase ga ona. Go ka nna, ka sekai, le melawana e e totileng sekgala se dikgogo di tshwanetseng go nna mo go sona gotswa kwa meagông, matlong le mmileng gape le e e ka ga tsela e mantle le diphologolo tse di lwalang di tshwanetseng go tshwarwa ka yona.
Go nna le polasa ga go reye gore o letlelesegile go ka tlhagisa dikgogo ka gangwe. Fa ele gore ga go ise go ke go nne le bodirelo jwa kgwebo jwa thuonong mo polaseng, dipatlisiso ka ga kamego ya tikologo di ka tlhokwa, go sekaseka ka fao tlhagisô e tlileng go ama tikologo ka teng. Go ka nna gape le melao e e rileng e e tshwanetseng ke go ka selwa morago, sekai, mafelo a tlhagisô a tshwanetse go ka nna sekgala se se rileng gotswa mo mantlwaneng a maungo a pakelwang mo teng le gotswa mo dipolaseng tsa dikolobe.

Ditlhokwa tsa Kagô

©Chris Daly
Kagô e ka tsaya sebôpegô sa kagô ya leruri kgotsa e e tsamayang. Boitekanelô le loago lwa dikgogo e tshwanetse go nna kakanyo ya ntlha fa go rulaganngwa kgotsa go agwa kagô. Ka keletso, e tshwanetse go tshola dijadikgogo di le kwa ntle, e sireletse dikgogo kgatlhanong le ditlhasedi, e tlaleletse thokgamô ya kgogo, e nne bonolo go phepafatswa mme e nolofatse taolô ya ntshô-tlhagisô. E tshwanetse gape go lebega bophepa mme e tlhokomeselege go efoga dikgotlhang le baagisani.
Kelotlhôko mo go rulaganyeng le mo leano-kagông e a tlhokagala fa go tlhongwa kagô ya leruri, go dirisa bomolemô jwa maemô a tlhagô a tikologo. Gore gonne le phatlhalatso e e lekalekanang ya mogote, ka sekai, go fa tlhogo go aga kagô gore matlhakore a maleele a lebe kwa bokone le kwa borwa, fa matlhakore a makhutshwane a leba botlhaba le bophirima. Kagô gape e tshwanetse go ka agwa mo mokgokolosong go tila mathata a tsamao ya metsi.
Mo meagong ka bobedi, wa leruri le o o tsamayang, go botlhokwa go netefatsa pulelomowa e e lekaneng. Mo meagong ya pulelomowa ya tlhagô, e e tlhwatlhwa-tlase fa go bapiswa le dithulaganyo tse di tswetsweng, go tshwanetse go ka nna le matlhabaphefo a a nang le digaretene tse di ka bulwang le go tswalelwa go laola dithemphoritšhara ka fa gare ga kagô. Matlhabaphefo a ka thibiwa ka sefo go thibela dinonyane tsa naga tse di ka tswang di rwele malwetse.

Bogolo bo Mosola

©Chris Daly
Bogolo jwa kagô bo tshwanetse go akanyetswa. Go se dirise tulo ka tshwanelo go tlile go isa tlhwatlhwa ya ntshô-tlhagisô kwa godimo, ka jalo go botoka go simolola ka bonnye mme o age dikagô tsa tlaleletsô fa tlhagisô e ntse e gola.
Go ya ka molao-tiriso wa South African Poultry Association, dibeela-mae tsa bogolo jo bo fetang dibeke di le somerobedi mo hôkông di tshwanetse go nna le tulo ya bobotlana 450 cm² go kgogo nngwe le nngwe, fa dibeela-mae tse di sa feteng 10 di letleletswe go square meter se le sengwe mo thulaganyong ya free range kgotsa ya barn.
Mo ntshô-tlhagisông ya dikgogo tsa nama, bokete jwa kokoanô ya dikgogo ga bo a letlelelwa go feta 40kg go square meter mo thulaganyong ya bodilo, fa dikgogo tse di fetang dibeke di le 4 mo thulaganyong ya hôkô di tshwanetse go nna le tulo ya bobotlana 450cm go kgogo nngwe le nngwe. Kokoanô e e sa feteng dikgogo tsa nama tse di godileng di le 15 go square meter e letleletswe mo thulaganyong ya free range kgotsa ya barn. Bogodimo jwa dihôkô le dikagô bo tshwanetse go letla tsamaiso ya tlhogo e e gololosegileng ya kgogo e e emeletseng.

Ka dikagô tse di tsamayang go botlhokwa go sutisa dikagô go thibela phulô e e tswileng mo taolong le go fa dikgaolo tse di futsweng nako e e lekaneng ya go itharabologelela pele kagô e ka busetswa mo go lona lefelo leo.

Translated by Nchema Rapoo