Madiba O Amogela Baeng kwa Legaeng La Gagwe

© Dr Peter Magubane
Madiba o amogela baeng kwa legaeng la gagwe kwa 8115 Orlando West, mo makopanelong a mebila ya Vilakazi le Ngakane, Soweto.
Nelson Mandela o ne a amogela baeng ka metlha kwa legaeng la gagwe kwa makopanelong a mebila ya Ngakane le Vilakazi kwa Orlando West, Soweto. Baeng ba e ne e le ditsala, badirammogo, batshegetsi ba African National Congress (ANC), bateledipele ba sedumedi le basemphato sa polotiki. Fa Mandela a ne a kopane le badirisanyi ba ba botlhokwa, bobegadikgang bo ne bo itelekela kwa ntlung ya gagwe go leka go gatisa dibakana tse di kgethegileng. Peter Magubane e ne e le tsala le moeng wa ka metlha kwa ntlung ya ga Madiba mme o tsere ditshwantsho tse di ntsi tsa ga Mandela le baeng ba gagwe.
Madiba o ne a rata go kopane le batho ba ba sareng sepe le go arogana dikgang tsa tsholofelo, boitshoko le kgololosego. Yo o tshwantshitsweng fa lemoragong ke Cyril Ramaphosa, yo a neng a tlhophiwa jaaka tautona ya Afrika Borwa ka Tlhakole 2018. Ba ne ba dirisana mmogo thata jaaka baeteledipele ba ANC, ba dira go isa Afrika Borwa go tlhabo ya temokrasi.

“Fa khumo e le segogedi, go raa gore lehuma ke mofuta wa sekobi. Fela lehuma nako dingwe le lere bopelotshweu jwa nnete mo bathong ba bangwe.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more