Letshololo mo Dikolobeng

©Glenneis Kriel
Letshololo ke bothata jo bo golo jo bo ka isang go loso lwa dikolobe fa le tlogelwa le sa alafwe. Balemirui ba tshwanetse go lebelela matshwaô a letshololo, jaaka boloko jo bo repileng jo bo bomôtô goya go bometsi, pele ba phepafatsa ntlwana. Boloko bo ka nna bolêlê, tshetlha, serolwana, tala, bomadi mme bo nkge bosula.
Goya ka bukana-kaedi ya tlhagiso ya South African Pork Producers Organisation (SAPPO), Pigs for Profits, letshololo gantsi le bonwa mo dikolojaneng, fela le ka runya mo dikolobeng tsa dingwaga dingwe le dingwe. Ka kakaretso le bakwa ke phetogo mo phepông, go ja go fetisa, kgatelelô ya kgwesô, malwetse kgotsa metlhampepe ya ka fa gare.

Phetogo mo Phepông, Kgatelelô ya Kgwesô le Go Ja Go Fetisa

Go thibela kgatelelô ya kgwesô le gore dikolojane di je go fetisa, Pigs for Profits e gakolola balemirui gore ba neele dinamagadi phepô e e itekanetseng e e lekalekaneng go netefatsa fa di na le mašwi a a lekaneng go seanyi sengwe le sengwe. Dikolojane di tshwanetse ke go neelwa dielo tse di potlana tsa dijo tse di tiileng go simolola fa di le bogolo jwa malatsi ale 21, kgotsa bonnye malatsi ale lesome pele di kgweswa, go di tlwaetsa dijo tse di tiileng. Sefepi se tshwanelwa ke go lekanyetswa ka malatsi ale mmalwa a ntlha a kgwesô go thibela dikolojane gore di se je go fetisa.
Dijo kgotsa ditswakwa tsa dijo tse diša di tshwanetswe ke go tsenngwa ka iketlo mo sebakeng se se ka nnang beke, go thibela go tshwarwa ke mala ga dikolobe tsa dingwaga tsotlhe.

Malwetse

Pigs for Profit e supa malwetse a a latelang jaaka dibaki tsa tlwaelô tsa letshololo:
Colibaccilosis e bakwa ke kgolô e e feteletseng ya bacteria ya Escherichia coli (E.coli) mme e ama dikolojane mo dibekeng tsa ntlha di le tharo tsa botshelo mmogo le dikolojane tse di sa tswang go kgweswa. Dikolojane tse di amegileng gantsi di nna le letshololo la mmala wa lobebe kgotsa serolwana kgotsa bosetlha le le bolêlê jo bometsi, le le ka nnang le bontlhanyana jwa madi. Dikolojane gantsi di latlhegelwa ke keletso-dijo, matlhagatlhaga a tsona a ya tlase mme di ka bolawa ke tlhaelô-metsi mo mmeleng. Bolwetse gape bo ka baka dintshu tsa tshoganyetso, ntle le ditshupabolwetse tse di bonagalang tsa bolwetse.
Colibaccilosis e runya fa dikolojane tse nnye di sa bone colostrum e e lekaneng (mašwi a ntlha a a tlhagiswang ke diamusi fela fa di sena go pepa lesea) mo diureng tsa ntlha di le tharo morago ga go tsalwa, kgotsa fa di sa bone mašwi a a lekaneng gotswa go namagadi. Ka jalo tlhokomelo e tshwanetswe ke go dirwa go netefatsa fa di bona colostrum mo diureng tsa ntlha morago ga go tsalwa, mme dinamagadi di tshwanetse go nna mo phepông e e lekalekaneng go netefatsa fa di tlhagisa mašwi a a lekaneng.
Kgatelelô e e bakwang ke kgwesô, phetogo mo phepông kgotsa go kopanngwa ga dikolobe gotswa ditsalông tse di farologaneng, segolo thata fa ele tsa bogolo jo bo farologaneng, tsotlhe tseno di ka tsaya karolo mo bolwetseng jwa dikolojane tse di kgolwane. Bothata jono bo ka fenngwa ka go neela dikolojane seelo se se nnye sa sefepi go simolola mo malatsing ale 21 goya kwa pele go di tlwaetsa dijo, le ka go lekanyetsa sefepi ka malatsi ale mmalwa a ntlha a kgwesô.
Dikolobe tse di lwalang di tshwanetse go alafwa ka di-antibiotic mme di neelwe dieledi le di-electrolyte ka bontsi go thibela tatlhegelo-metsi ya mo mmeleng.
Rotavirus ke bolwetse jwa megare jo bo bakang letshololo le le metsi gantsi mo dikolojaneng mo dibekeng di le tharo tsa ntlha morago ga tsalô. Ga go na kalafi.
Clostiridium ke bolwetse jwa bacteria jo bo amang dikolojane mo dibekeng di le tharo tsa ntlha tsa botshelo. Dikolojane tse di amegileng di na le letshololo le le madi mme nako dingwe di swa ntle le lebaka. Ga go na kalafi.
Coccidiosis, bolwetse jwa bacteria jo bo amang dikolojane mo dibekeng di le tharo tsa ntlha tsa botshelo. Bolwetse bo isa kwa letshololong le le lofulo lo lo serolwana, mme le ka alafwa ka antimicrobials.
Swine dysentery ke bolwetse jwa bacteria jo bo amang gantsi dikolobe tse di santseng di gola. Bolwetse bo ka rwalwa ke magotlo, ka jalo balemirui ba tshwanetse go tshola lefelo la tlhagiso le sena magotlo. Dikolobe tse di amegileng di tlile go latlhegelwa ke bokete jwa mmele, mme boloko jwa tsona gantsi bo tlile go nna boleta ka mmala o o bosetlha jo bo fifetseng. Bolwetse bo ka alafwa ka di-antibiotic.
Illeitis, e bakwa ke bacteria ya Lawsonia, e ama dikolobe tse di santseng di gola. Dikolobe tse di amegileng di na letshololo le le madi mme nako dingwe di swa ntle le lebaka. Bolwetse jono bo ka alafwa ka di-antibiotic.
Malwetse anô otlhe a ka thibelwa ka bophepa jo bo siameng le dikgatô tsa bosireletsa-tshedi tse di utlwalang. Nngwe ya dikgatô tsa ntlha ka motsi wa nngwe le nngwe ya ditsogô-bolwetse tseno ke go sutisa dikolobe tse di lwalang gotswa go tse di itekanetseng go thibela kanamô ya malwetse anô.

Metlhampepe ya ka Mo Gare

Diboko di ka baka letshololo fa di le teng ka palo e ntsi. Go thibela diboko, dikolobe di tshwanetse go ntshwa-diboko ka metlha, mme dikagô di tshwanetse go tsholwa di le phepa ebile di omile.

Translated by Nchema Rapoo