Lenyalo mo Setšhabeng sa Basotho

Dithulaganyo tsa Lenyalo

©Dr Peter Magubane

Manyalo a rulagantsweng a ne a tlwaelegile mo gare ga mkotapele wa Basotho le bana ba kgosi, badimo le dikgokagano tsa kamano di ne di le botlhokwa go laola dikamano tsa loago le tsa semolao.

Rraagwe mosimane ka gale o ne a tshitshinya ka go ikopanya le batsadi ba mosetsana. Fa batsadi ba gagwe ba ne ba amogela, o ne a kopa sego sa metsi. Fa batsadi ba gagwe ba ne ba amogela, mosimane, le ditsala tsa gagwe tse mmalwa, ba etela mosetsana semmuso.

Fa a ne dumetse go nyalanya, o ne a mo fa tuku (moqhaka). Kwa tlwaelo o ne a mo neela dijo tseo a di ganang, ‘go seke ga twe o tletse dijo e seng lerato’. Le fa baratani ba ne ba so kopane pele, ka gale ba ne ba amogela tlhopho e e dirilweng, fela ka metlha ya pele ba ne ba tshwanelwa ke go tsenela le lenyalo le gore a ba rata kgotsa ba sa rate. Fa gautshwane jaana repiso letsogo e tlhotswe — gompieno tlhopho ya mong ke tlwaelo le basadi ba le bantsi ba ba sa nyalang ba nna bomme. 

Mo nakong e e fetileng, lenyalo le ne le dirwa semmuso ka phetiso ya bohali (khumo ya monyadiwa) go tswa mo go leloko la setlhopha sa monyadi go ya go balosika lwa monyadiwa. Dituelo tsa dikgomo le diruiwa tse dingwe e bile seno se se bontshang gore bana ba ka nna losika ba setlhopha sa ga rragwe, mme e seng sa mmagwe.

Palo ya bohali e ne e le go feta kgotsa botlase e e tlhomameng ka dikgomo di le 20,pitse e le nngwe le dinku di le 10 kgotsa dipodi, mme go ne go le gantsi ga e ne e duelwa ka botlalo. Morago ga phuduso ya go fitlha dikgom di le 10, dituelo tse di feteletseng di ne di thusa go tsalanya ditlhopha di le pedi tsa losika mo dikamanong tsa ditirisano le botsalano.

Mo nakong e e fetileng lenyalo le ne le tshwarwa ka bonako fela morago ga lfa enyalo le rulagantswe. Go fitlha ka nako eo, baratani ba ne ba tshwanela go nna le thobalano kgotsa go nna mmogo. Gompieno manyalo a mantsi a diragala morago ga go inyadisa kgotsa fa monna le ditsala tsa gagwe ba mo tsere ka dikgoka (shobela) mosetsana wa tlhopho ya gagwe mme a mo tsaya go mo isa kwa legae la gagwe, fa a amogelwa jaaka fa lenyalo le ne le dirilwe.

Phologolo e ka nna ya tlhabiwa go tshwaya tiragalo e, fa thoto ya monyadiwa e romelwa kwa morago ga gagwe. La ntlha phuduso ya bohali. ba dikgomo di le thataro kgotsa madi a lekanang le tsona, ke tumelo ya monyadi ya gore o na le dikamano tsa thobalano le mosadi wa gagwe, fela ga e tshwaye tshwanelo ya go kopa bana ba gagwe jaaka ditokololo tsa setlhopha sa gagwe sa losika; mo go se bonnye ba dikgomo di le 10 (kgotsa madi a a lekanang le tsona) o tshwanetse go fudusiwa le go amogelwa mo phatlhalatseng.

Maikarabelo a Monyadiwa

Gompieno baratani ba santse ba sa solofelwa go nna le bonno ba bona. Monyadiwa o tshela le batsadi ba ga monyadi. O a apaya, go thusa ka ditiro, le go dira mo masimong, ka dinako tsotlhe a obamela melao ya tlotlo (hlonipho) go ratsalagwe e e akaretsang go se mmitse ka leina la gagwe kgotsa go bitsa lefoko le le tshwana le lona.

Mo nakong e e fetileng monna o ne a ka dira kopo ya lefatshe le lefelo la go aga kwa tshimologong ya setlha sa ntlha morago ga go nyala, mme ka boiketlo boikemelo ka nosi ba ntlo e ntšhwa mo lelapeng le le atolositsweng.

Kgatelelo mo lefatsheng matsatsing a segompieno go raya gore o ne a ka leta nako e e fetang ngwaga. Le fa go le jalo, bontsi jwa banyadiwa ba ganetsa se, mme ba batle malapa a bona ka bonako morago ga lenyalo.

Translated by Lawrence Ndou