Lenyalo mo Morafeng wa Bantwane

©Dr Peter Magubane

Lenyalo mo Bantwaneng ga se tema ya motho ka boesi mme ke tshwênyêgô ya setlhopha, go tsenya molaong botsalano magareng ga masika. Le neela gape seêmô sa bogodi go monyadiwa le monyadi.

Le fa go sena meila ya tsalano ya semadi mo Bantwaneng, manyalo magareng ga bomotswalo a santse a ratega. Lenyalo le tsaya malatsi ale mabedi, lantlha kwa gaabo monyadiwa mme morago kwa gaabo monyadi.

Ntle le gore Bantwane ba le ba ntsi ke Bakeresete, manyalo a dirwa goya ka meetlo ya Bantwane. Monyadi o apara sutu ya kwa toropong e e kgabisitsweng ka bebe e e dirilweng ka letlalo. Ka go farologana, monyadiwa o apara moaparo wa setso wa lenyalo ka botlalo, o o akaretsang lefofa mo godimo ga tlhogo ya gagwe kgotsa sebaga sa ditalama sa mo tlhogong, gantsi ka bohibidu, mmala wa loapi kgotsa bosweu.

Go tlaleletsa khiba ya fa pele le ya fa morago, o apara gape kobo e a tshwanetseng ke go e bofelela mo magetleng fa a goroga kwa ntlong ya mmatsale wa gagwe. Seno se kaya gore monyadiwa wa Bantwane o dirwa gore a lemoge seêmô sa gagwe sa botswakwa go fitlha mmatsale wa gagwe a dira modiro wa setso o o supang fa leloko le le ntšhwa la lolapa le tota le amogetswe.

Fela, le fa ka mogopolo monyadiwa wa Bantwane a arogana seêmô sa monna wa gagwe, mo boammaruring o bonwa jaaka mogolo fela fa a sena go belega leitibolo la gagwe, fela fa botshola-ngwana jwa gagwe bo sena go pakiwa. Ke fela mo nakong eo mo a ka aparang dilwana tsa setso tsa basadi ba Bantwane – dikhiba tse di kgabisitsweng tsa fa pele le tsa kwa morago – tsatsi lengwe le lengwe.

Translated by Nchema Rapoo