Lenyalo le ka Baxhosa

© Dr Peter Magubane

Melao ya Lenyalo la BaNguni

Lenyalo ka setso le ne le le la go nyalelana kwa ntle ga setlhopa se le sengwe (balekane ba lenyalo ba ne ba bonwa ka kwa ntle ga setlhopha sa losika), se se neng se farologanya mokgwa wa BaNguni ka kakaretso. Ngwana wa MoNguni mongwe le mongwe o tsalwa mo losikeng lwa losikalwa ga rragwe mme lenyalo mo gare ga losika ke tlolo-molao e kgolo thata gape e ne e sa dumelesega le e seng. Gareng ga Baxhosa, ba ba neng ba bogolosegolo ba kgethegile mo go feteletseng mo ntlheng e, lenyalo le ne le tilwa le maloko otlhe a borremogolo a le mane. Lenyalo le ne le le sa direge fa gaufi, se se rayang gore mosadi o ne a nna le monna wa gagwe le batho ba kwa bona. 

Lenyalo le le ka nna la monna le basadi ba bantsi, mme dikgosi le banna ba ba humileng le metlhape e megolo ba ne ba nyala go feta mosadi a le mongwe, mme mo mabakeng a mangwe, ba ne ba na le basadi ba le bantsi go fitlha ba le bane kgotsa go feta. Ka gale ba ne ba farologanngwa ka maemo go ya ka dintlo tse di farologaneng. Gareng ga Maxhosa, mosele wa mogokgo o ne o le fa gare ga Ntlo e Kgolo le Ntlo ya ka Lebogong la Moja.

Mosadi o Mogolo

Mosadi o Mogolo o ne a na le maikarabelo mo go tsaleng morwa le mojaboswa, Morwa o Mogolo, o a tsayang boemo jwa ga rraagwe - kgosi kgotsa tlhogo ya lelapa jaaka fa go ka nna morago ga loso lwa ga rraagwe.

Mosadi o Mogolo wa kgosi ka tlwaelo e ne e le mosadi wa maemo, morwedi wa ga kgosi go tswa kwa bogsing jwa boagisani (kgosatsana ya Makhoisane kgotsa Bathembu). Morwa wa monna wa ka setaleng sa moja, morwa wa leitsibolo la Mosadi wa Ka fa Mojeng, gape e ne e le kgosi kgotsa tlhogo ya lelapa, le metlhape wa gagwe kgotsa bonno, baikaegi le balateding.

Le fa go le jalo, o ne a na le maikarabelo ka go tlhoma bogosi jwa gagwe kgotsa bonno ka go gapa lefelo le le šwa kgotsa lefelo le le neng le tlhakatlhakane mo nakong e e fetileng. Basadi ba tlaleletso ba ne ba mametleletswe jaaka tshologa kgotsa ditshegetso (amaqadi) go dintlong tse pedi tse dikgolo mme di ne di farologantswe ka maemo ka tshwanelo.

Ntlha e nngwe e e botlhokwa ya kgosi go nyala Mosadi o Mogolo morogonyana mo botshelong, morago ga manyalo a mangwe, e ne e le gore Morwa o Mogolo wa mojaboswa o ne a le monnye go feta Morwa o Mogolo wa mo Lebogong la Moja yo o nang le kitso. Se e ne e le motswedi wa kgagamalo le dikgotlhang magareng ga barwarre ba bomme ba farologaneng ka bobedi.

Kgaisano e e tlhagelelang magareng ga Moorwa wa mo Seatleng sa Moja le Morwa o Mogolo e ka feleletsa mo go o mogolo a tsayang bogosi jwa yo monnye, jaaka go ntse mo lobakeng lwa Tshawe le Cirha go umakilwe kwa pelenyana. Go seng jalo, e ka feletsa ka karoganyo le dikarolwana mo gare ga bogosi, jaaka kgotlhang magareng ga Rharhabe le Gcaleka.

Fa monna a ne a nyetse mosadi a le esi, se e neng e se se se sa farologanang mo bathong bao e seng ba maemo, mosadi wa gagwe wa ntlha o ne a nna Moswadi o Mogolo kwa ntle ga tikatiko le morwa wa gagwe wa leitsibolo Morwa o Mogolo le mojaboswa. Mosadi mongwe le mongwe wa monna yo o nyetseng lefufa o ne a na le bonno jwa gagwe le metswedi ya ikonomi mo dikgomong le mo mabeleng go tlamela malapa a bona. Mosadi wa kgosi wa ka fa Seatleng sa Moja gantsi o ne a nna mo bonnong jwa gagwe ba sekgala go tswa mo lefelong le Legolo.

Ditherisano tsa Lenyalo

©Dr Peter Magubane

Fetisetso ya dikgomo (ikazi) go tswa mo setlhopheng sa monyadiwa-monyadiwa go ya go sa setlhopha sa monyadiwa se ne se dira bobedi gore lenyalo le felelele le go duela rragwe monyadiwa ka ntlha ya tatlhegelo ya bodiri wa marwadie mo bonnong ba gagwe.

Ditherisano tsa lenyalo magareng ga maphata a mabedi di ka nna bokete le go gaisanelwa, segolobogolo fa go tla mo go dumelaneng ka palo ya dikgomo tse di neng di tshwanetse go fetisediwa.

Phetisetso ya dikgomo le yona e ne e dira jaaka mofuta wa itshireletso: fa monyadiwa a tshwariwa makgwakgwa fa legaeng la gagwe le lešwa, o ne a ka boela kwa legaeng la batsadi ba gagwe, mme setlhopha sa mogatse se ne se ka latlhegelwa ke dikgomo. Monna yo o amogetseng dikgomo ka ntata ya lenyalo la morwadie o ne a kgona go ka dirisa dikgomo go bona mosadi wa gagwe kgotsa o ka didirisa go thusa morwae kgotsa wa losika go bona mosadi.

Ka jalo go refosanywa ga dikgomo mo lenyalong e ne e le mokgwa wa go tsamaisa letlotlo la monyadiwa, le basadi ba tsamaya ka tsela e e fapaaneng le ya dikgomo. Ka phoso go dumela gore mosadi o a rekiwa, tiriso e ne a ganediwa ka botho. Le fa e le gore manyalo ka tlwaelo a bona tumalano kwa kerekeng kgotsa kgotlatshekelo ya mmagisetera mo matsatsing a segompieno, lobola ga e esi e nyelele gotlhelele, le fa gone jaanong go direga go le gantsi go re e duelwe ka go lekana go ya ka boleng jwa mmaraka wa dikgomo tse di nang le seabe mo phataganyotiragatsong.

Lenyalo la setso le ne le se fela tsela e e botlhofu ya go momaganya kamano magareng ga ditokololo tsa bong bo bo farologaneng mo mabakeng a go tshola bana. Se se botlhokwa go gaisa, e ne e le tsela ya go gatelela dikgolagano fa gare ga ditlhopha tse di seng masika, ke yona ntlha e e dirang lenyalo mo gareng ga losika le ne le sa dumelesega.

Tlwaelo e Ntšhwa ya Monyadiwa

Morago ga go nyalana, monyadiwa o sa ntse a sa itsiwe mo legaeng la gagwe le le ntšhwa. O ne a tshwanelwa ke go supa pharologano le tlotlo (intlonipho) kwa go ratsale ke mmatsale le botlhe ba ba leng ditokololo tsa bonno ba bagolo; o ne a ka se ke o tsena mo matlong ka tlhamalalo go kgabaganya lelapa, mme o ne a tshwanetse go tsena go tswa kwa morago; gape o ne a sa letlelelwang go tsena mo lesakeng la dikgomo.

Maemo a mosadi yo o nyetsweng mo teng ga bonno ka iketlo bo ne bo tokafadiwa ka fa a nna le bana mme ba ntse ba gola. Basadi ba ba neng ba ile kwa kgweding ba ne ba tsewa jaaka tlhotlheletso e e leswe mo go diruiwa e bile ba ne ba sa letlelelwa go tsena mo lesakeng la dikgomo. Fela fa a ne a fitlha mo nakong ya go kgaotsa go ya kgweding, maemo a mosadi a ne a ka nna a a lekanang le a banna. O ne a letlelelwa go tsena mo go nweng bojalwa semmuso le go dira ditlhabelo le go goga peipi ya kutu e telele.

Translated by Lawrence Ndou