Lekgabe la Mapungubwe

Lebopo la Botlhaba le ne le Tlhanasela

©Roger de la Harpe
Kwa bokhutlong jwa ngwagakete ya ntlha ya nako e e tshwanang, lebopo la botlhaba la Aforika le ne le tlhanasela. Badiri ba mo dikepeng ba ma-Arab le ma-Asia ba ne ba setse ba ribolotse ya diphefo tsa kgwebisano tsa ditlha, tseo di neng di ba kgontsha go thala go ya godimo kgotsa kwa tlase mo mabopong a Aforika moo ba neng ba fitlhela matlalo a diphologolo, gauta le aefori go tswa go baagi.
Kwa mafelong diteišene tsa kgwebo tse di mmalwa di tlhomilwe kwa mafelong a a jaaka, Zanzibar Mogadishu, Madagascar le Kilwa, go dira tirisano mmogo eo e neng e le gone pele ga maeto a maYuropa a thibololo ya ka dingwaga tse di fetang 500.
Seteišene sa kgwebo seo se neng se etelwa gantsi e ne ele sa borwa Sofala, seo se ne se le gaufi toropo ya segompieno ya Beira, kwa Mozambique. Ka jalo, ditlhopha tsa babopi ba dinkgo ba Seaforika go tswa mo bogareng ba ne ba tla tsaa dilo tsa bona tsa kgwebo go ya lebopong, moo di neng di refosanywa ka dibaga tsa galase, dikgapetla le selo seo se thubegang ka dinako dingwe do tswa kwa Botlhaba jo bo kgakala.

Tlhabologo ya Mapungubwe

©Roger de la Harpe
Fa e sale tikoloogo ya Limpopo e na le ditheleso tse di nnoneng tsa ditlou tsa naga ka ntlha ya aefori gammogo le boima jwa mmopa wa gouta mo dinokeng, merafe e le mmalwa mo kgaolong e nnile le katlego. Ka bonya, bagwebi ba ba ka go sa le gale ba simolotse go tlhama tlhabologo e e tlhabologileng e e theilweng mo khumong ya sebele le maemo.
Ka lesego, ka nako eo, maemo a loapi a ne a le mo kgatong ya pelontle mme go tlhabolola bogosi bo ne bo tshegeditse ke dinaga tse nonneng le diruiwa tse di ntsi.
Bogare jwa kgwebo jo bo tlhagelelang ka magetla jwa setso sa dingwaga tsa tshipi bo ntse dikhilometara tse di makgolo a mmalwa go ya Bokone-Bophirima ba Phaka ya Bosetšhaba ya Kruger, gaufi le borakanelo jwa dinoka tsa Limpopo le Shashe.
Ka 1200, setšhaba se se ne se tlhabologile go nna bogosi bo bo golo,se se tsenya tlhotlheletso mo sekwere sa dikilomitara di le makgolo a le mmalwa mo gare ga jaanong e leng tikologo ya go kgabaganya melelwane magareng ga Botswana, Zimbabwe le Aforika Borwa.
E e itsiweng gompieno jaaka tlhabologo ya Mapungubwe, toropokgolo e ne e agilwe ka mareo a lekgaba le le sephara kwa godimo mo letlhakoreng la Borwa jwa Noka ya Limpopo.
Kwa setlhoeng sa lekgaba go ne go nna kgosi le setlhopha se se nnye sa balatedi. Mo leotong la lekgaba go ne go nna baagi ba dikete di le mmalwa, ba ba neng ba di bona kgosi ya bona jaaka motho o o boitshepo.

Mapungubwe Bogologolo

©Roger de la Harpe
Mo dingwaga di le 100,batho ba ne ba tshela go ralala Lekgaba la Mapungubwe ba ne ba nna ba bantsi. Ka jalo, ka tshoganyetso, tlhabologo e ne ya phutlhama. Ga go bonale jaaka fa lekgaba le ne la tlhaselwa ke ba tswa ntle, fela phetogo ya maemo a bosa le komelelo di pateleditse batho go tswela pele. Le fa go ntse jalo, ka 1290 Mapungubwe e ne ya tlogelwa ka tshoganyetso.
Morago ga moo merafe ya Aforika e e tlileng go tshela mo tikologong e ne e bona lekgaba jalo ka sengwe sa thibelo. Le ne le bonwa jaaka legae la badimo mme o o rogilwe e tla nna monna yo o neng a leka go e pagama. Ka jalo Mapungubwe e ne ya itlhokomoloswa le kgang ya batho ba yona e nnile e e aparetsweng ke semaka ka dingwaga tse di 700.
E ne e le fela mo bo1930 gore balemirui ba basweu mo tikologong bo utlwetseng ka lekgaba leo le ileditsweng, ba itlhokomoditse le ditumethoko tsa bagaabo, ba pagama mathoko a lona a a bogodimo. Thibololo gape ya bona ya mabitla a bogosing mo godimo ga lekgaba, a tletse ka dithoto tse molemo tsa gauta, e simolotswe kepo ya mengwaga e e 70 eo e sa ntse e tsweletse.

Metlholo ya Mapungubwe

©Roger de la Harpe
Go na le mafelo a thuto ya kepololo ya dilo tsa kgale moo metlholo ya nako e e fitileng le batho ba bogologolo ba sa ntse ba tsoma lenaga le le bogale le. Lekgaba la Mapungubwe (‘Lefelo la Phokjwe’) le ntse mo go utlwagalang gaufi le Musina kwa molelwaneng. E ne e boitsitsipelo jwa tlhago mme go ne go nna batho mo gareng ga mo e ka nnang 950 Morago ga Loso lwa Kreste go fitlha 1200. Dithibololo di ne di akaretsa dipontsha botaki di le di ntsi tsa gauta tse di tlhamilweng mme di supa setso sa kgwebisano magareng ga Aforika, India le China.

Nako ya Aforika e e Kgethegileng

©Roger de la Harpe
Mapungubwe ke Phaka ya Bosetšhaba ya ntlha ya go neelwa maemo a nako ya Aforika e e kgethegileng; eo e ketekang hisitori eo e neng ya ganwa kgotsa ya phegiwa.
Fela e ka ga go feta dipolotiki fela. Mapungubwe e bontsha go nna mmamoratwa ka gonne go ke lefelo le le monate go le etela. Lefelo gantsi ke le le sa tlwae;egang e bile le farologane. Dikampo tsa go ikhutsa ke tsa maemo a kwa godimo. Mme phaka e na le mafelo a mararo a thuto ya kepolo ya dilo tsa kgale a a botlhokwa a Lekgaba la Mapungubwe, K2 le Schroda.

Translated by Lawrence Ndou