Lefelo la Ngwaôboswa ya Lefatshe la iSimangaliso

Tlhopho ya UNESCO

©Roger de la Harpe
Greater St Lucia Wetland Park, e ga jaana eleng iSimangaliso Wetland Park, e supilwe semmuso fa ele Lefelo la Ngwaôboswa ya Lefatshe ka 1999. Komiti ya Unesco e sweeditse go akaretsa ka mo gare ga melelwane dikgaolo di le pedi tsa lewatle tse di sireleditsweng (mafelo-tshomarelo a tsa lewatle a St Lucia le Maputaland) ga mmogo le dikgaolo di le 11 tse eseng tsa lewatle (Maphelane Nature Reserve, St Lucia Park, Eastern Shores State Forest, Cape Vidal State Forest, Nyalazi State Forest, False Bay Park, Sodwana State Forest, Sodwana Bay National Park, Lake Sibaya Freshwater Reserve, Coastal Forest Reserve le Kosi Bay Nature Reserve).

Serapa sa Botlhokwa jwa Boditšhabatšhaba

©Roger de la Harpe
iSimangaliso Wetland Park, e kwadisitswe jaaka Lefelo la Ngwaôboswa ya Lefatshe eseng fela ka ntlha ya mabopo a a botlhokwa a yona a tsadiso ya kgantlapane, fela gape ka ntlha ya botshedisanotshedi jwa yona jo bo tswileng diatla, bontle jwa tlhagô jwa yona le ka ntlha ya ditsamaiso tsa kamanô-tshedi tse di itshupileng tsa makopanelo a noka le lewatle le tsa lefatshe la letsha.
Serapa se bopilwe ke dithulaganyotshedi di le tlhano tse di itshupileng (go fana ka bodulo go mefutafuta e megolo ya ditshidi): thulaganyo ya lobopo le tsa lewatle, dikgwa tsa lerotobolo tsa lobopo lwa botlhaba, thulaganyo tsa makopanelo a noka le lewatle le ya letsha, metsitlane ya papyrus ya Noka ya Mkhuze le sekgwa sa ditlhare tsa mosu se se omeletseng sa lobopo le le kwa bophirima. Ka go le lengwe, dithulaganyotshedi tseno di na le mafelo-potlana a a ungwileng a a boitshegang a a jaaka mangroves, coral reefs le dikgwa tsa dipalema tsa raffia.

E Tshwanelwa ke Maêmô a Bongwaôboswa

©Roger de la Harpe
Ga se fela bofutafuta jwa tikologofatshe jo bo dirang gore iSimangaliso e tshwanelwe ke boemo jwa bongwaôboswa. Go na le mefutafuta ele mentsi thata ya dimela (mefuta ele 2,185 e e gatisitsweng), diamusi (mefuta ele 129), digagabi (128), dinonyane (526) le ditlhapi (1,039). Dipalopalo di re bolelela gore ke goreng tshomarelotlhagô ya serapa ele botlhokwa jaana mo temeng ya kamanô-tshedi. Fela go moeng wa setlwaedi, selo se se tseisang-manya ke maikutlo a tikologo, nyalalano ya lewatle le lefatshe mo sekhutlwaneng seno sa Maputaland.
O fologa mo borobalong-kepe jwa logong mme o sasanke mo lobopong o gara dithota tsa dimela tsa casuarina tse di dirang modumo ka dikutu tsa tsona mo phefong jaaka makololwane, mme pula e na ka makatanamane. Go pota motlhatlhogo ka kwa… mme fa pele ga gago, ke lewatle le le bothitho le le dikaganyeditsweng ke mantle a ditshelawatle, le le sireleditsweng ke tlhapi ya manta rays, shaka ya lengau le ya leruarua, ga mmogo le mefuta ele meraro ya khadubane.
Mo boteng jo bo fifetseng go iphitlhile masalela a a tshelang, tlhapi ya coelacanth, e e lelemelang mekgatšha ya pele ga histori ya kwa lobopong. O tsamaya go ikala lobopo lo lo nyeumang ka makakauwe a okareng ke confetti. Maru a a kwa tlase a a tshosang a patilwe ke molalatladi o o senang selabe. Mo eketeng go lekwa go netefatsa tshepego, maruarua a mabedi a a tlhotlhomang a kgabola, ka bogaufi jo ebileng o kgona go utlwa mosumo wa ona.

Go Bona Dinonyane

©Roger de la Harpe
Morago o sasanka dithota tsa sekgwa se se kitlaneng sa mokgalo (Zizyphus mucronata), mosikiri (Trichilia dregeana) le mooka (Trema orientalis) e e bofilweng ka dithapo tsa dikgabo le mouta wa old man’s beard. Dimela tsa coastal strelitzias (Strelitzia nicolai) di ntsha ditlhogwana tsa tsona tse di boa gotswa ka borulelo.
Fa o ntse o batlana le dikoko tsa naga tse di thata go bonwa, o utlwa moswaratlhego: ke kgabo ya samango kgotsa setlhora se se hibidu sa Tonga. Fela lenaane-tiro la gago la mo mesong le akaretsa twinspots tse tala, mekuê le.
Fa morago ga legora la thota ke dikgwa tsa tlhaga tse di tletse tletseng dipalema tsa lala (Hyphaene coriacea) le dipalema tsa Wild-date (Phoenix reclinata), tse di nyeumang ditshukudu le ditlou tse di boitshegang. Kwa ntle kwa mabaleng, ditholo tse di leitlho di atumela sejanaga sa gago, mme serwalwa sa Medusa se bonagala fa se le bokete thata go ditlhogo tsa tsona. O feta bontsi jwa sebogata jo bongwe gape jo o se kitlang o bo bona felo gope mo Afrika.
Ka phirimotsatsi o tsamaya mo matlhakoreng a fatshemetsi. Mangroves tse di thologang, phatsimo ya diphuka, modumo o o sa kgatlhiseng wa engine ya kwa ntle. Le lekadiba le le senang sela e tota le go tlogela o le mo temogong e e botlhoko ya magong a a nang le meno le diswaki tse di rôrang. Ka tshoganyetso lefaufau la mmala wa salmon le tshutshuma ka magôlôri ale 10,000 a a neelang legodimo sebala sa bopinki jo bo tseneletseng.

Translated by Nchema Rapoo