Leaf Scorpionfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Leaf scorpionfish

Leina la Matshamekwane

Paperfish

Leina la Maranyane

Taenianotus

Semeto

E ka nna 10 cm, fa bontsi bo ka nna 8 cm.

Ponalo

Mmele o sephaphathi ka tlhogo e nnye. mogatla wa mokwatla o batlile o tshwana le saile, mme o simolola kw godimo ga matlho a yone e be o elela mokwatla otlhe go fitlha kwa mogatleng wa kwa morago. Mebala e ka farologana ka ga e ka nna mmala wa lephutshe, cream, boshibidu, borokwa le bontsho.

Dikitsiso

Mophato wa Taenianotus o na le mofuta o le mongwe wa sebopiwa. Ga go bonolo go e bona ka lebaka la mebala wa yone o e thusang go iphitlha. E kotama ka mogatla wa mokwatla mo mafikeng mme e elela le metsi a lewatle mme gantsi o ka ithaya ware ke letlhare la dikwalo. Di apola letlalo la tsone kgafetsa kgafetsa. Di ka lalela setlhabelo (ambush). Di tsala ka go tshela mae a tsone mo metsing.

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dinnye le di’crustaceans jaaka shrimpe le makakauwe (crabs).

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Paperfish (Taenianotus triacanthus)