Krantz Aloe
Mokgopha-Wa-Krantz

© Roger de la Harpe

Leina

Mokgopha-Wa-Krantz kgotsa Krantz Aloe

Leina La Se-Latin

Aloe arborescens

Thanololo

Aloe arborescens ke mokgopha wa dithitô-thitô ka matlhare a makima a a serolwana. Matlhare gantsi a menonyana a a bogale mo masetlhareng, mme a matute thata ka matute a a tepôlogang a a serolwananyana. Matute a ntse a dirisetswa go alafa malwetse a mala dingwaga-kgolo di le di ntsi.
Matlhare a a matute a boloka le metsi go thusa semela go falola mo komelelong. Kalana e le nngwe go ya go di le nne tse di kitlaneng ka dithunya tse khibidu tse di tlhogang go tloga ka Motsheganong go fitlha Phukwi. Dithunya di tshwarwa ke dithitô tse di kimanyana mme di sebopego sa tšhupu. Mekgopha e le me ntsi ke dimela tsa phepo tse di botlhokwa go dinwaboropi, tse di etelang dithunya go batlana le matute mme teng foô di di dulafatse.

Tulo

Jaaka leina le kaya Mokgopha-Wa-Krantz o mela thata mo mehapheng le mo majeng – fela o fitlhelwa gape kwa dikgweng tse di kitlaneng. Ke mongwe wa mekgopha e se kaê e ê fitlhelwang kwa lobopong le kwa dithabeng mme o aname ka bophara go ralala Afrika Borwa go tsenelela Mozambique, Zimbabwe le Malawi.

Dintlha Tlhagiso

Matute a a bosula a letlhare la mokgopha a ne a dirisiwa fela ke batho ba setso go alafa malwetse a a fapaaneng, fela mo dingwaga-some tse di fetsang go feta dingaka tsa sekgowa di bone dipharologantsho tsa kalafi tsa semela seno.
Maatla a go alafa a semela seno tota a bonagetse morago ga dibômô tsa atomic tsa WWII fa batswasetlhabelo ba go fisiwa ba ne ba alafiwa ka metswako ya mokgopha.