Kotulo ya Diterebe tsa Mofeine

©Louise Brodie
Here, red globe table grapes are hand-picked and loaded into crates for transport to the packing shed.
Pele o ka kotula go botlhokwa go rulaganya lenaane la thôbô. Lenaane leno la thôbô le tlile go akaretsa thôbô e e lebeletsweng (ka ditone), letlha le le lebeletsweng la thôbô, palo ya badiri e e tlhokwang, go rentiwa ga didiriswa le tlhwatlhwa ya go tsamaisa diterebe goya kwa matlong a mofeine.
Gape go tshwanetswe go dirwa ditlamêlô go fokotsa tsenelelo ya diterebe ke mowa fa di tsamaiswa, go fokotsa matsadi le go netefatsa pabalasego le dilekanyetso tsa bophepa. Didiriswa tse di tlhokagalang ka kotulo ya diterebe tsa mofeine di ka akaretsa:
Diterekere kgotsa dirori tse di nang le ditshodi tsa terebe.
Dikreite tsa thôbô le dikere tsa modiri mongwe le mongwe.
Dikarata tsa ditshwari-tshitswana (dikarata tseno di a tlanywa go supa palo ya dikreite tse di tshotsweng ke modiri mongwe le mongwe).
Matlwana-boithusetso a a tsamayang mmogo le metsi a go nwa.
Ditlamelwana tsa thuso ya potlako tse di nang le polasetara le sebolayatwatsi.
Refractometer go dira diteko tsa ka metlha tsa seêlô sa sukiri mo diterebeng tse di kotutsweng.

Thôbô ka Seatla ya Diterebe tsa Mofeine

©Louise Brodie
A grape picker busy with hand-harvesting of grapes.
Dingatana tse di butswitseng di segwa ka sekere sa kotulo mme di bewe ka mo dikreiting tsa thôbô. Dikreite tseno gantsi di bewa ka fa tlase kgotsa gaufi le morara. Fa kreite e tletse, e tshololelwa ka mo gare ga ditshodi tsa thôbô tse di mo terekereng kgotsa seroring. Ditshodi tsa terebe ke ditshodi tse kgolo tsa polasetiki kgotsa lesenke, tse di nang le bogolo jwa 5-6 ton, fela morwalo o tsholwa o le kwa tlase go fokotsa matsadi le gotswa ga matute, le kgonagalo ya tsenelelo ya mowa ya matute. Batlhagisi bangwe ba rata go tsamaisa dikreite goya kwa mantlwana-polokelong a terebe go fokotsa matsadi le tatlhegelo ya matute.
Diterebe di tshwanetse go iswa kwa mantlwana-polokelong ka bonako jo bo kgonagalang, mme di se tlogelwe mo letsatsing kgotsa mo mogoteng. Eseng jalo, matute a tla simolola go bela. Potassium metabisulfite (K₂S₂O₅) e ka tsenngwa mo dijading tsa terebe e tshweu go fokotsa tsenelelo ya mowa le go thibela go bela ga go sale gale. (Go bela ke fa matute a tsibogela sebidisô se se tlhaga go bopa carbon dioxide le bojalwa. Go bela go tshwanetse go laolwa ka go tsenya dibidisô tse di rileng morago ga gore matute a terebe a gamolwe, le go rurufatswa le go bewa mo metemeng.). Fa diterebe di goroga kwa ntlwana-polokelong, dingatana di tlhatlhobelwa mo godimo ga lebantaphetisi, mme matlhare, dikalana le diterebe tse di bodileng di a ntshwa pele diterebe di ka bewa mo segateleding sa terebe go gamola matute.

Thôbô ka Motšhine ya Diterebe tsa Mofeine

Sekotudi se ka diriswa go kotula diterebe tsa mofeine ka motšhine. Seno se dirwa mo dithulaganyong tsa trellis tse di diretsweng (kwa godimo) go totana le mokgwa ono wa thôbô, mme gantsi o dirisetswa dithôbô tse di kgolo. Dingatana di ntshwa mo merareng ka ditshipi tse di tsamayang mme meretlwa e kgetlelwa mo ditshoding tsa thôbô tse di mo motšhineng, fa matlhare a ntshwa ka mowa wa kgatelelo e e godimo. Bomolemo jo bo golo jwa thôbô ka motšhine ke lebelo - diterebe di iswa kwa ntlwana-polokelong ka bonako go feta mo thôbông ka seatla. Dikgaolo tse kgolo tsa tshimo di ka kotulwa mo letsatsing, palo e e kwa tlase ya badiri e a tlhokagala, mme kotulo e ka dirwa ka diura tse di rurufetseng tsa letsatsi. Seno se tota se le botlhokwa go netefatsa boleng le go fokotsa tsenelelo ya mowa mo diterebeng. Bosasiamang jwa thôbô ka motšhine bo akaretsa kgonagalo ya tsenyego ya matlhogela (dikalana) tsa terebe le gore dingatana tse di sa itekanelang kgotsa tse di sa butswang di kotulwa mmogo le tse di itekanetseng.

Translated by Nchema Rapoo