Kobs

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Kobs

Leina la Matshamekwane

Drums, Croackers, Hardheads

Leina la Maranyane

Sciaenidae

Semeto

E ka nna 2 m, fa bontsi bo ka nna 70 cm.

Ponalo

Ke tlhapi e boleele ka mmele wa kgolokwe ya lee (oval fish). Mogatla wa mokwatla o na le matshwao a magolo a ‘V’ (deeply notched). Lateral line o bonala sentle mme gantsi e na le ditsubaba tse ditshweu. Tse dingwe tsa dibopiwa tse di na le dipara tsa di’barbels tse dinnye tse di bonalang. Gantsi e bonala ka mmala wa selefera kgootsa borokwa. Di’Kobs tse di senang matshwao kgotsa mekgabiso di na le phatsimo ya mmala wa merunu.

Dikitsiso

Lelapa la Sciaenidae le na le mephato e le 70 le dibopiwa dile 270 tse di farologaneng. Fa di thuma di dira modumo o kareng wa moropa ka mabogo a di thumang ka one. Ts edi mmotlana di na le mogatla wa ntlha wa mokwatla oo mogolo. Di rata go nna kwa tlase ga metsi mo mafelong a santa mme di ka bonwa mo mafelong a di estuaries. E namagadi e tshela mae mo metsing, mme ya monna e nonofatse mae ao ka peo ya yone (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dinnye le dibopiwa ts edi senang lerapo la mokwatla tse di nnang kwa tlase mo metsing (benthic invertebrates).

Anamiso

E bonwa mo metsing a mawatle a a didimetseng a mafelo a dipula le mogote le mo metsing a a se nang letswai mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Daga kob - Argyrosomus japonicus
Kob - Argyrosomus hololepidotus
Slender baardman - Umbrina ronchus