Kingfisher
Mmatlhapi

© Roger de la Harpe
Malachite Kingfisher found in KwaZulu-Natal South Africa.

Tebego

BoMmatlhapi ke dingwe tsa dinonyane tsa mebala e e gaisang, ba bantsi ba na le medumo e megolo le go gwêla go go makatsang. Ba bantsi ba bona ba na le mafofa a mmele a a botala jwa legodimo, mme ba bantsi ba na le melongwana e mehibidu. Ba bantsi ba setse ba tlwaetse seemo se motho a fetolong mafelo a bona a tlhago ka teng, mme ebile ba kgona le go bonwa kwa ditshingwaneng tsa kwa metse-toropong.

Phepo

Le fa leina la bona le kaya, ga se boMmatlhapi botlhe ba ba jang tlhapi - ba bantsi ba ja nama (ba iphepa ka diphologotswana tse di nang le mokôkôtlô jaaka digagabi, bo-magotlo le dinonyane) kgotsa ditshidinyana (ba iphepa ka ditshenyekegi le ditshidinyana tse dingwe), fa tse dingwe di ya gaufi le metsi ka sewelo.

Maitshwaro

BoMmatlhapi ba kotama kwa godimo ba emeletse ka tlhamalalo, tlhogo ke e kima, molala o mokhutshwane mme ba na le melongwane e meleele e le mekima. Ke ba lotso lwa Coraciiform mme ba tsalana le boMorôkapula le boLetlêrêtlêrê. Mo phofong, BoMmatlhapi ba lebelo ebile ba lebagantse, ga se gantsi ba fofela bogodimo jo bo fetang boleele jwa setlhare. Fa a tsoma tlhapi, Mmatlhapi o tobunyela mo metsing ka tlhogo pele mme o boele kwa makotamong a ona go bolaya le go ja setsongwa. BoMmatlhapi gantsi ba robala mo mogorogorong kgotsa mo mosimeng.

Di fitlhelwa kae

Gona le mefuta e le 86 ya Mmatlhapi go ralala lefatshe. Afrika ena le mefuta e le 18, e le lesome ya ona e fitlhelwa mo Borwa le kwa Botlhaba jwa Afrika.

BoMmatlhapi Ba Ba Tshwarang Tlhapi

BoMmatlhapi ba nnete ba metsi ba emeletswe mo Borwa le kwa Botlhaba jwa Afrika ke Mmatlhapi o monnye wa Malachite, Mmatlhapi Oo Thamo-khutshwane o tshwanang le ona fela o le mogolonyana, Mmatlhapi O Mogolo o o kgatllhisang le Mmatlhapi Wa Mmala-pedi o o tsalanang. Mefuta e mene e e ja fela tlhapi kgotsa ditshidi tse dingwe tsa mo metsing (Mmatlhapi O Mogolo o rata makakauwe, Mmatlhapi Wa Malachite ona o ja palo e e kwa godimo ya makoduntwane le bana ba ntôtôrônkê) mme ga nke e fitlhelwa kgakala le metsi.
Mefuto yotlhe e tsadisetsa mo mosimeng o o epilweng mo dintshing tsa noka, mme mefuta e meraro ya ntlha e go builweng ka yona e lofufa ka kgaolo ya yona. Mmatlhapi Wa Mmala-pedi o dula ka ditlhopha tsa lolapa, mme bana ba ba tlhagileng mo setlheng sa tsalo se se fetileng ba thusa batsadi ka dinako dingwe go godisa ba ba thuthusiwang mo setlheng sa jaanong, mme di le thataro kgotsa go feta di ka robala mmogo mo setlhareng bosigo. Ka bokgoni jwa ona jwa go rakalala, Mmatlhapi Wa Mmala-pedi o kgona go tsoma tlhapi o le kgakala le dintshi tsa noka, le kwa ntle ga sebida se se bulegileng kgotsa kgakala le makhubu kwa mabopong. Ka boleele jwa 30cm, Mmatlhapi O Mogolo ke leloko le legolo la lelapa le, mme e latelwa fela ke Laughing Kookaburra (Mmatlhapi yo eseng wa metsi wa kwa Australia) ka bogolo.

BoMmatlhapi Ba Ba Sa Tshwareng Tlhapi

Mefuta e le merataro ya BoMmatlhapi ba Afrika ba iphepa ka ditshenyekegi, digagabi tsa maoto-robedi le diphologotswana tse di nang le mokokotlo tse di tshwarwang gantsi morago ga go welela mo lefatsheng le le omileng. Le fela tse di mmalwa tsa mefuta eno di na le go bonwa gaufi le metsi, jaaka le tsona di tsadisa mo mmunng wa dintshi. Mmatlhapi Wa Pygmy ga o fete sekarete ka boleele, fela mafofa a ona a mantle a mmala o o serolwananyana le botala jwa legodimo jo bo kopaneng le jwa tlhaga a dira gore e kgatlhise ka tebego. Nonyane e e nnye ke mofudugedi mo Borwa jwa Afrika gotswa kwa di-tropic, di tsena mo maetong a tsong a maleele fa go fifetse.
E nngwe ya bafudugi ba mo gare ga Afrika ke Mmatlhapi Wa Sekgwa o o bonagalang sentle o le modumo, o supa go goroga ga dipula tsa selemo kwa borwa jwa Zambezi, ka modumo wa ona o o kwa godimo wa kgapetsa wa 'ki....trrrrr'. Dinonyane tse di talanyana ka bontsho, dipara di sireletsa kgaolo ya tsona - e e nang le khuthi ya setlhare e e siametseng go beela mae - mme di fetse kgwedi di le mmalwa di tsibosa bagaisane go nna teng ga tsona ka medumo-dumo le tlhagiso ya maphuka.
Mmatlhapi o o tshwanang le ona, e leng Mmatlhapi Wa Setlhare Sa Metsi, o tsadisa mo dikgweng tse di mo lebopong (di dirisa khuti ya setlhare) mme fela di phela nako e le ntsi kwa metsitlaneng ya ditlhare tsa metsi kwa e tsomang teng makakaripa le bo-mmata ba yona. Mmatlhapi Wa Kapi E Borokwa ga se mofudugi, mme le fa e le nonyane ya kwa nageng, e dula gape le kwa metse-toropo ya ditoropo tsa Afrika Borwa jaaka Johannesburg, Pretoria, Cape Town, Nelspruit le Durban. Jaaka boMmatlhapi ba bangwe, dipara di dula mmogo mme di ka phela mo kgaolong e le nosi dingwagangwaga.
Mmatlhapi o o tshwanang le ona eleng Mmatlhapi Wa Kapi E Tshetlha o dula kwa Afrika Botlhaba, palo e le nnye e e fudugelang kwa borwa jwa Zambezi ngwaga mongwe le mongwe magareng ga Ngwanatsele le Moranang. Mmatlhapi ono o o jang ditshenyekegi o epa dintlhaga tsa mesima mo motlhabeng wa lotshitshi, mme gole gale o fitlhelwa gaufi le tselana tsa metsi a noka tse di omeletseng. O monnye ebile o sena mebalabala mo go boMmatlhapi botlhe ba eseng ba metsi ke Mmatlhapi O Methalo, nonyana e, e fitlhelwang kwa boteng jwa bogare jwa Kalahari le kwa ditikologong tse dingwe tse di omeletseng go le gonnye. Sentlhaga sa ona ke khuti ya setlhare mme a iphepa thata ka mekgaditswane e metala, digagabi tse dingwe tse di nnye le ditshenyekegi.