Kingfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Kingfish

Leina la Matshamekwane

Travelies, Jacks

Leina la Maranyane

Carangidae

Semeto

E ka nna 1,7 m, fa bontsi bo ka nna 70 cm.

Ponalo

Mmele o pinegileng ka bophara oo tlhamaletseng. Mogatla wa kwa morago o na le dintlha tse pedi (forked tail). Botlase ba mogatla bo bosesane. Karolo e e kwa morago ya mola wa kwa magareng wa yone o bopegile jaaka scute(ntlha e e motsu). Ka mmala e selefera fa e na le mebala e farologaneng le ditsubaba kwa mogatleng.

Dikitsiso

Lelapa la Carangidae le na le mephato e le 33 le dibopiwa di ka nna 140 tse di farologaneng. Bontsi bo nna mo metsing a lewatle (pelagic). Di tsoma ka lebelo le letona. Di ka bonwa mo mafikeng a lewatle. Tse dingwe mo lelapeng la tsone di epa santa ya lewatle go batla dijo. Ka dinako tse dingwe di bonwa ka makoko a magolo mme di ka tsamaya sekgala se se telele. Di itsege jaaka di ‘Pelagic spawners’ se se rayang gore di tsala ka go tsholola mae mo metsing a lewatle gore e tona e a nonofatse ka peo ya yone.

Dijo

Gantsi e fepa ka ditlhapi, ka dinako tse dingwe e ja molluscs le ditshedi tse di senang lerapo la mokwatla (invertebrates).

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a Atlantic, Indian le Pacific.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Bigeye kingfish (Caranx sexfasciatus)
Bluefin kingfish (Caranx melampygus)
Giant kingfish (Caranx ignobilis)