Go Kgweetsa ka fa Gare ga Ditsela tsa Phaka ya Bosetšhaba ya Mapungubwe

Tsela ya Tshugulu ya Tikologo ya 4x4

©Roger de la Harpe

Le fa ke bolelelwa gore tsela ya tikologo e bokete thata e bile e matlapa, e direlwe jaaka tsela ya sekgoreletsi mo go wena se le mo motšheneng wa gago. E e kaiwang jaaka e e bontle, ya thuto le go nna tsela ya bogela diphologolo tsa naga e e tshwanetseng go kgweetsa ka lebelo la maitiso.

Tsela ya tikologo ke tsela e e siameng ya go sekaseka letlhakore le le sa itsegeng la Bophirima la phaka mme kgweetso e tsaa dipoono tse mmalwa le maiphitlha diphoologolo tsa naga.

Tsela e ka nna dikhilometara tse 45 e bile e tsaa fa gare ga diura tse 5 go ya go di le 6. Go na le tlhotlhwa ya sejanaga sengwe le sengwe, mme bona bukana e e maatlametlo le mmapa o o go itseseng ka dintlha tsotlhe tsa dilo tse di kgatlhang fa tseleng.

Go Kgweetsa mo Phakeng

©Roger de la Harpe

Go na le ditsela tsa dikhilometera tse di ka nnang 45 mo phakeng e bile tsotlhe di kgwarapana kgotsa motlhaba. Bontsi jwa ditsela tse di a fitlhelega ka dikoloi tse di nnye tse di tlwaelegileng, fela o tla bona mosola go tswa mo go e e siameng e katogileng lefatshe le kgololo ya mmu.

Tse di kwa fatshe tsa mabaibai di ka nna tsa se ka tsa itumelela maitemogelo. Godimo ga tsela go a lekanyediwa fale le fale, fela go sa ntse go na le palo ya matlapa a a bogale mo tseleng. Tlhokomela go tlhabiwa ga dithaere mme o netefatse gore o la go go bolokwa la gago le pompilwa le didiriswa tsa jeke ya gago di a dira. Go na le ditsela tse mmalwa tse di tshwailweng 4x4 fela.

Tse ga di a makgwakgwa go le jalo, fela di ka supa go nna le mathata mo dijanageng tsa dithaere tse di nnye. Ela tlhoko gore ga go leekwane le le le teng kwa Mapungubwe. Mabenkele a a gaufi a leekwane a kwa Alldays (dikhilometara tse di 70) le kwa Dongola Ranch (dikhilometara tse di 30).

Eya ka fa Molemeng Kgotsa Mojeng

©Roger de la Harpe

Go tswa kwa kgorong ye e kgolo, go na le ditsela tse pedi tse o ka di tsayang go ralala mo phakeng. Fa o fetogela go ya ka fa molemeng kwa Kampeng ya Leokwe, o ka etela Treetop Walk le Confluence View Site le Picnic Spot. Fa o fetogela ka fa molemeng, o ka kgona go fitlhelela digole tsa go bogela dihpologolo tsa naga tsa Kanniedood le Khongoni le Poacher’a Corner.

Karolo e ya phaka gape e na le Letamo la kgogedi la Schroda le marope a ntlwana ya kgale ya go tshwara ditlhapi mo dintshing tsa Limpopo moo Jan Smuts a neng a nna gona. Dikgogedi tse tse pedi ga di a dumelelwa batho, fela ke solofela gore ba tla di baakanya mo isagweng. Bontsi jwa ditsela mo diphaka di tshwailwe ‘ga go tsenwe’.

Se ke ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Bongwe jwa lefatshe bang ba lona e sa ntse e le ba poraefete, dingwe tsa ditsela di isa kwa kagong bonnong jwa poraefete tsa badiri, mme dingwe tsa ditsela di sa ntse di tokafadiwa mme di tla bulwa fela fa tikologo e setse e tlhomame.

Translated by Lawrence Ndou