Kgwedisô ya Seatla mo Dikolobeng

©Glenneis Kriel
Keeping a boar for breeding can be expensive and increase the risk of diseases.
Ka go sa tshwane le tsadisano ya tlhagô mo tona e bewang ka namana le dinamagadi go tsadisa, kgwedisô ya seatla e akaretsa go kgwediswa ga dinamagadi ka seedipeo sa tona e e ka tswang e sa tswe mo polaseng.
Mokgwa-tsamaiso o letla motlhagisi go ka fitlhelela ditona tse di botoka go gaisa tse di neng a ka se di rue, o fokotsa ka go bonala matshosetsi a a golaganngwang le tsadisano ya tlhagô, jaaka dikgobalo, malwetse a a anamang gotswa mo ditoneng goya mo dinamagading, le gotswa dinamagading goya mo ditoneng, le tiriso-pheteletsa ya ditona e e ka isang tlase go dira ga seedipeo. Ka nnete, go dira ga seedipeo go ka tlhatlhojwa pele se diriswa mo kgwedisông ya seatla.
Ntle le seno, kgwedisô ya seatla e tlhwatlhwa-tlase go na le ditshenyegelo tsa go tshola le go fepa tona ya “maêmô a a kwa godimo” e e diragatsang ka manontlhotlho mo polaseng, mme go fokotsa ka go bonala matshosetsi a go tsadisa mo letsopeng-nosi, ka ge dipolasa di na le mokoa wa botswamading go ka tlhopha gotswa mo go ona. E letla gape palo e kgolo ya dinamagadi go ka tsadiswa mo nakong e khutshwane, go neela motlhagisi taolô e e botoka ya matlha a tsadiso le go tsena ga morago ga fao ga dikolobe.

Matshwaô a Kgotelo-Tsadiso

©Glenneis Kriel
Keeping a Boar in the vicinity of a Sow during artificial insemination will help to ease the process.
Balemirui ba ka reka seedipeo kgotsa ba se tsaya gotswa mo ditoneng tse di mo polaseng. seedipeo se a tshela ka jalo se tshwanelwa ke go tshwarwa ka tlhokomelo. Se tshwanetse go tsholwa mo go 16 goya go 18 degrees Celsius, go simolola fa se tsewa go fitlha fa se kgwediswa, ka ge go dira ga sona go tlile go fokotsega kwa kwantle ga dithemphoritšhara tseno.
Go bona dipholô tse di gaisang le go fokotsa kgatelelô ya tshwaro, kgwedisô ya seatla e tshwanetse go dirwa ke badiri ba ba katisitsweng. Kgatô ya ntlha e tlile go nna go supa fa nanagadi e siametse go kgwediswa kgotsa nyaa. Morago ga kgwesô, dinamagadi di ka bewa le tona sebaka se se ka nnang halofo ya ura tsatsi lengwe le lengwe, mme fa namagadi e emelela tona, e tlabe ele mo go se se bitswang, kgotelo-tsadiso ya kemelelo.
Balemirui ba le bantsi ba dirisa tona e e gadisang kgotsa pheromones go thusa go lemoga kgotelo-tsadiso. Matshwaô a gore namagadi e mo kgotelong-tsadiso, goya ka buka ya ga Danie Visser ya Modern Pig Production, a akaretsa ditsebe tse di tsepaletseng, serwe sa bosadi se ka nna khibidu le go ruruga, lebusa le le metsi a a lepelelang gotswa mo serweng sa bosadi, mme fa kgatelelô mo mokwatleng e dirwa, e emelela ka go tsepama go na le gore e tshabe. E tlile go nna le kgatlhego e e oketsegileng go tona, mme e kotame dinamagadi tse dingwe. Kgotelo-tsadiso gantsi e tsaya sebaka sa diura di le 36 goya go 72.

Tsamaiso ya Kgwedisô

©Glenneis Kriel
The catheter should be left in the sow for another five minutes after insemination.
Go a thusa go tshola tona gaufi le namagadi ka motsi wa kgwedisô. Goya ka Iowa Pork Industry Centre, seno se tlile go rotloetsa tsibogo e e maatla ya oestrus mme go thuse ka tsamaiso ya kgwedisô ka go dira gore namagadi e gogele seedipeo ka mo gare ga karolwaneng ya botsadisi, le go fokotsa go elelela morago.

Modern Pig Production e gakolola balemirui go phimola maswe otlhe le go phepafatsa serwe sa bosadi ka toulo ya pampiri e e omileng. Bula dipounama tsa serwe sa bosadi ka seatla sa molema, mme ka bonolo o tsenye catheter ka seatla sa moja, gore e supe kwa ntlheng e e kwa godimo ka sekhutlo sa 45 degrees go efoga setlha. Morago ga fao, catheter e tshwanetse go ka iswa goya godimo gape ka bonolo go fitlha e kganelega. Catheter dingwe di tlhoka go kwa dikolosetswa kwa mojeng go netefatsa fa e notlelega mo molomong wa popelô.

Fela fa seedipeo se gokagane le catheter, seedipeo se tshwanetse go elela bonolo go tsena ka molomo wa popelô, ntle le fa catheter e tlhoka gore lebotlolo la seedipeo le tobetswe pele se ka simolola go elela. Kganelelô e ka nna ka ntlha ya lekhubu la perastalic mo popelông, fa go le jalo e tshwanetse go emelwa.
Tsamaiso gantsi e tsaya metsotso ele mebedi goya go ele meraro, fela e ka tsaya sebanyana.
Catheter e tshwanetse go tlogelwa mo namagading metsotso e mengwe ele metlhano morago ga kgwedisô, go tsweletsa pele tlhotlholetso ya molomo wa popelô, go tlhokomela go taologa ga popelô le go isa godimo tsêô ya seedipeo. Kwa bofelong jwa kgwedisô, catheter e tshwanetse go menwa, ka go goga konego ka phatlha e e kwa bofelong jwa karolwana e e phaphathi, go thibela go elelela morago ga seedipeo.
Nako, mokgwedisi le boleng jwa kgwedisô di tshwanetse go ka gatiswa tsotlhe gore morago go sekasekwe go diragatsa ga tirelo enô. Matsapa mangwe le mangwe, a a jaaka gotswa madi mo serweng sa bosadi, a tshwanetse go ka gatiswa le ona ka motsi onô.
Namagadi e tshwanelwa ke go kgwediswa lekgetlho la bobedi fela fa e santse ele mo kgotelong-tsadiso ya kemelelo.

Translated by Nchema Rapoo