Kgolokwe ya kwa Vredefort Dikhounu tse di Thubilweng le Phetogo ka Molelo

© David Fleminger

Thulo e e Tswang kwa Lefaufaung

Kwa ntle ga khuti ya kwa Vredefort, tiragalo e kgolo e siile kwa morago masaledi a mangwe a dintsi, a a kwadilweng mo matlapeng. Dipopego tse di fitlhelwang kwa mafelong a mangwe a le mantsi go ralala le lefatshe, mme jaanong di tsewa go nna matshwao a tiragalo ya kwa lefaufaung.
Sa ntlha, go na le llaga e e kima ya thoto e e weleng ka pula e e bokete go ralala molagare wa dikhilometara di le mmalwa. Llaga tse di kgabetleletsweng tsa mafika le dikarolwana tsa bomo ke tse dikima thata mo gareng ba kgaolo ya kgolokwe, e nna tshesane jaaka o katoga pinagare.
Sesupo se se latelang se sentle ya maatla a farologaneng a a dirang ke diphetogo tsa matlapa ka bo bona. Fa lefika le betsa, le ka ntsha diempereitšha tse di fetang 10 000 ya dikerii ya senthikereite le go tsenya makgolokgolo a di-gigapascal tsa kgatelelo. Palo e kgolo ya maatla le mogote di tlhola matlapa a tikologo go fetogela kwa mefuteng e mentšhwa. Thulaganyo eno e etsiwe jaaka ‘phetogo ya letshogo’. Nngwe ya dikarolo tse di totobetseng tsa phetogo ke ‘dikhounu tse di thubegang’.

Khounu e e Thubegileng

Khounu e e thubegileng ga se o se bonang fa o wisa bebetsididi ya gago. Go na le moo, ke thobego e e rileng paterone e e phatlalalang mo godimo ga matlapa jaaka lekhubu la letshogo le fetisa ka fa gare. Poelo ke sebopego sa sekhutlotharo, tse di tswang mo mtlheng e e tshwanang.
Dikhounu tse di thubegileng di bonala mo dikarolong tse dintsi go ralala kgolokwe yotlhe ya Vredefort, mme go rile fa o ba ya dikhounu tse do thubegileng tsotlhe mo moleng ka tshwanelo, o ka dira mola wa khounu e e thubegileng o o fologang. Ka maswabi, baeng ba segompieno ba simolola go thuba dikhounu tse di thubegileng jaaka jaaka digopodiso. Se ke mokgwa o o ferosang dibete o o tshwanetseng go emisiwa mme tshireletso ya dikhuonu tse di thubegileng e tla nna nngwe ya maikarabelo a Bothati jwa Tsamaiso e ntšhwa ya Kgolokwe.

Phetogo ya Matlapa

Popego e nngwe e e botlhokwa ya matlapa a kwa Vredefort ke ditshika tsa thoto e e bofitshwana e e ikadilend ka mola mo gare letlapa le le tiileng le le bofefo. Dillaga tse di farologaneng ka boleele le bokima, mme tse dingwe di botlhokwa thata. Mofuta o wa letlapa la bogalase bo bidiwa ‘pseudotachylite’ mme di bopiwa fa bollo bo bo kwa godimo thata bo tlhola letlapa gore le fetoge diteng tsa lona tsa dikhemikale. Matlapa a a tiileng a galase a a fitlhelwang mo tikologong ya dikgwamolelo le go bapa le mela ya phoso (fao kgotlhang fa gare ga dipolata tse di iphitlhileng di tlhola mogote go gololwa). Lereo ‘pseudo’ le lokelwa fa go sena bosupi jwa tiragalo ya kgwamolelo.
Thempereitšha e e gakgamatsang le kgatelelo e e neng ya gololwa ke thulo gape le tsona di tlhodilwe ka bophara ba phetogo ya matlapa, e e bidiwang ‘granophyre’. Seno ke thulaganyo e e bofitshwane ya dikarolwana tsa matlapa o o borethe tsa mmu tse di kokoantsweng ka manathwana mme e tlhamilweng ka letlapa la mosele o mosesane le le gologang le bophara, le atologa mo dikhilometara di le mmalwa. Go fa letlha ka radiometri ya dikarolwana tsa zircon mo matlapeng a golofaditsweng ke thulo a thusitse barutatlapa go naya tiragalo ya kwa Vredefort letlha le le rileng la dingwaga di le 2.023 tsa bilione.

Dibopego tsa Bogole tsa Letshogo

Gareng ga dibopego tse dingwe tse di botlhokwa tse di tshwanang le mafelo a thulo le coesite stishovite. Tse ke maina a a boitshegang a a neetsweng dibopego tse pedi tsa di-quartz (dimerale tse di tlwaelegileng mo matlapeng). Di tlhodilwe fa quartz e dikatlantswe mme ya gotetswa go fitlha mo dikerii eo e leng gore e fetola sebopego sa yona sa marofana a galase. Masaledi a diminerale ka bobedi kwa tlwaelo a fitlhelwa mo dikhuting tsa thulo, le mo ditologong tsa go dira diteko ka bomo ya nyutlelia. Lereo le le tshwanang la mofuta o wa bogolo ke ‘letshogo la quartz’.
Bosupi jwa bofelo ya phetogo ya letshogo e ka se bonwe ka matlho a nama. Dipatlisiso ka kelotlhoko, mme fa go na le matlapa a segilweng ka bosisi mme a tlhatlhobiwa ka fa tlase ga maekorosekopo ya eleketherone, di supile bogole bo bo nnye thata mo maemong a atomo. Tse di tlhagelela jaaka dipheretlhego tsa papetla mo digalaseng tsa quartz mme, fa di le teng, ke bosupi bo bo nonofileng ba tiragalo ya thulo.

Thulo ya Diteamane

Letshogo la bogole le lengwe le le kgatlhang e e sa fitlhelwe kwa Vredefort ke ‘thulo ya ditaemane’. Dijeme tse di bolee tse dinnye, e lekanyetsa palophatlo ya milimetara go kgabaganya, di tlholwa fa naledi e e mogatla e betsa bo letlapeng le le nonneng ka carbon. Mogote go tswa kwa thulong e tsiboga le carbon go tlhola dimilione tsa ditone tsa ditaemane tsa bogologolo. Khuti ya Popigai kwa Saeberia e na le seriti sa dimilione tse ditone tsa thulo ya ditaemane, mme ga go ope yo o badileng tiriso ya tsona.
Kopanyo ya dikhounu tse di thubegileng, pseudotachylite, quartz e e tshogileng le diphetogo tse dingwe tssa letshogo metamorphics di fitlhetswe kwa Vredefort le dikhuti tse dingwe tse dintsi tsa thulo. Mmogo, di tsewa jaaka mosaeno wa tiragalo ya thulo e bile di dirisiwa go supa mafelo a mangwe a mantsi a thulo mo nakong e e fetileng go dikologa lefatsheng.

Translated by Lawrence Ndou