Kelp Gull
Nongwatle Ya Kelp

© Roger de la Harpe
Kelp Gull.

Leina

Nongwatle Ya Kelp (Nongwatle Ya Mokokotlo-Montsho Ya Borwa)

Leina La Se-Latin

Larus dominicanus

Lelapa

Laridae

Boleele

60cm

Tulo

E phela ka nosi kgotsa ka setlhotshwana mme e sasanka go bapa le mabopo, segolo kwa boemela-kepeng; ga se gantsi le le kwa naga-bogareng.

Modumo

Lentswe - 'Meeu', selelo se se tlhomolang pelo. Ga e kgaupetswa e gowa ere 'kok-kok-kok'.

Tsadiso

E tsadisana kwa ditlhaketlhakeng tse di kwa ntle ga lobopo le kwa Swartklip le Rondevlei ka dikgakologo le tshimologo ya selemo, thatathata ka Diphalane. Dintlhaga di fatilwe fa fatshe mme tsa tsenngwa tlhaga, mafofa le dithupana, di na le mae a le 2 - 3 a a farologaneng ka mmala gotswa go o o botala jwa tlhaga jo bo sa tsenelelang go ya go o o serolwana se se tswapogileng ka matshwao a a ntshofetseng. Dintlhaga di fitlhelwa nako e nngwe kwa dithoteng le mabala a a sa etelweng thata.

Thanololo Ya Dithuthugi

Dithuthugi kwa tshimologong di tletsetletse dikôlô tse di borokwa mme di mmala o o tswapogileng mo dikarolong tse di fa godimo go tswa kwa mogatleng (e ka tshwantshwanywa le skua, fela se sena bosweu kwa thitong tsa maphuka); fa dintse di gola mmala wa tsona o a timpala, gotswa go dikôlô tse di borokwa le bosweu ka maoto a a borokwa jo bo tseneletseng.

Thanololo Ya Tse Kgolo

Tse kgolo di na le matlho a a ntshofetseng le dinao tse di borolwana jo bo bosweunyana.

Boemo

E tlwaelegile thata.

Kanamo

E tlwaelegile go ikala ka borwa-bophirima jwa lebopo lwa Kapa, kwa matlhatsong a dinoka le kwa didibeng tse di sa tsenelelang tsa mo naga-bogareng.

Tshupô ya Cape Gull

Le fa di na le go rata ditlhapi, diboko, sikalookgopa, mae le dinonyane tse di nnye, Cape Gulls, Larus Vetula, di ka tlhasela gape diruiwa t...more