Jalô ya Rosemary

Jadisô

©Louise Brodie
Jadisô ke gotswa mo peong fela rosemary e ka jadiswa gape ka mesegô ya sejalo. Tsaya mesegô ya 20 cm gotswa mo kgolông e e foreshe mme o kgomole matlhare a a fa tlase gotswa mo mesegông mme o o tsenye mo metsing, mme karolwana e e kwa tlase e e kgomotsweng e tsene mo metsing.
Fela fa o sena go nna le palo e e tlhokegang ya mesegô, baakanya segodisi sa sejalo. Seno gantsi ke motswako wa motlhaba le motswako wa pitsana ya sejalo mo kgetsaneng ya sejalo ya 500 ml.
Ina dintlhana tse di metsi tsa rosemary mo motswakong wa sejalo mme o e jale mo segodising sa sejalo.

Mokgwa wa Jalô

Jalô e e dirwang ke bajadi ba ba golo ba kgwebo gantsi e dirwa ka go jala matlhogela a a tlhagisitsweng mo ntlwaneng ya dijalo. Dipeo di jalwa mo makiding kwa boteng jo bo ka nnang millimetres di le 8 goya go lesome. Fela fa dipeo di tlhogile mme matlhogela a a nonofileng a godile, a jalololwa le go jalelelwa mo tshimong. Dipeo tsa rosemary di na le seêlô se se kwa tlase sa melô, ka jalo, jala go ka nna nne ga peo e e tlhokegang. Dipeo di tlhwatlhwa-tlase mo go lekaneng. Fela fa mefuta e e farologaneng e tlhogile, ke mokgwa-tiriso o o siameng go simolola go dira dijalo gotswa mo mesegông gore e jalwe fa dijalo di latlhega.

Katoganô

Dijalo tsa rosemary di tshwanetse go katogana ka 30 cm mo meleng e e katoganeng ka 50 cm. Seno e ka nna dijalo di le 60 000 mo hekethareng. Go tlogelwa mela ya didiriswa le terekere gore e dirisetswe taolô le kotulo.

Nako ya Jalô

Jala dipeo tsa rosemary mo makiding mo tikologong e e sireletsegileng kgotsa mo dintlwaneng tsa dijalo ka Seetebosigo, mme e tlare go sale gale ka dikgakologo matlhogela a tlabe a nonofile mo go lekaneng go ka jalololwa le go jalelelwa mo ditshimong.

Nako ya Jalelelo

Jalelela matlhogela a rosemary go sale gale ka dikgakologo. Mo Afrika Borwa seno ke thari ka Phatwe o fitlha go sale gale ka Lwetse.

Paka ya Kgolô

Dibeke di le robedi goya go lesome mo ntlwaneng ya dijalo di tshwanetse go ka tlhagisa matlhogela a a nonofileng a rosemary a a siametseng go ka jalololwa. Mo tlhagisong ya rosemary e e foreshe, batlhagisi bangwe ba simolola go kotula dintllhana tse di foreshe tsa kgolo go simolola ka bonako jwa dibeke di le somepedi morago ga jalololo. Tlhokomelo e tshwanetse go ka dirwa gore go se kotulwe go feta selekano mo ngwageng wa ntlha ka ge seno se tlile go kganela kgolo ya sejalo. Kotulo ka botlalo gantsi e tswelela pele dikgwedi di le 12 goya go 15 morago ga jalo. Dijalo tsa rosemary di ka kotulwa go fitlha dingwaga di le 15 fa di laolwa ka tshwanelo.

Kumisô

Pele ga jalô, sampole ya mmu wa leemedi e tshwanetse go tsewa le go romelwa kwa ditshekatshekong. Seno se tlile go supa mofuta wa mmu le ditlhokegô tsa dikotla tsa sejalo se se lepilweng.
Jaaka kaedi e e sa tlhomamang, tshitshinyo e e latelang e ka diriswa fa go sena tshekatsheko ya mmu. Tshêlô ya ntlha ya 600 kg ya 3:1:5 e ka gasagaswa le go tsenngwa mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm pele ga jalô ya matlhogela a rosemary. Seno se tlile go neela matlhogela a mantshwa thagogo e ntle ya gore e tlhoge. Mo dikgweding tsa ntlha di le 12, go botlhokwa go tshola dijalo tsa rosemary di gola, ka jalo tshêlô e nngwe ya 400kg ya 3:1:5 e ka tshelwa go ikala le mela ya jalo, e nngwe ka Sedimonthole mme e nngwe ka Moranang. Go gakololwa gore go ungwiswe morago ga kotulo nngwe le nngwe. O seke wa ungwiswa go feta selekano ka ge seno se fokotsa bogale jwa monkgo.

Nosetsô

Le fa sejalo sa rosemary se kaiwa fa se le boitshoko ga go a siama go gatelela sejalo ka nosetsô e e feteletseng, e e ka bakang malwetse a modi, kgotsa nosetsô e e kwa tlase e e ka amang kgolô le tlhagiso ya sejalo.
Ka jalo, go botoka go lokela didiriswa tsa selekanyetsa-bometsi go lekola mmu ka metlha. Go ikaegile ka mofuta wa mmu le bosa, dielô tsa nosetsô di tlile go farologana tshimo ka tshimo. Nosetsô-bogareng e e siameng ke magareng ga 25 le 35 mm ka beke ka dikgwedi tse di bothitho tsa selemo, mme e fokotswe ka dikgwedi tsa ngwaga tse di rurufetseng kgotsa tse di dipula. Leka gore o se nosetse mo bekeng ya pele ga kotulo. Fela nosetsa ka gangwe morago ga kotulo go busetsa mmu kwa bometsing jo bo eletsegang.

Translated by Nchema Rapoo