Jalô ya Garlic

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ke ya go jalwa ga di-cloves tse di bopang segwere sa sejalo sa garlic.

Mokgwa wa Jalô

Di-cloves tsa garlic di jalelwa mo mealong e e tlhatlogileng ya bophara jo bo ka nnang meter ole mongwe, kgotsa mo mmung o o sephaphathi o o lekalekantsweng go netefatsa kelometsi e e siameng. Digwere tsa garlic di a obolwa, mme di-cloves di kgaoganngwa ka kelotlhoko. Tlhopha di-cloves tse di nonofileng di itekanetse go ka jala, go netefatsa ntshô-tlhagiso ya segwere e e lekalekanang. Mesele e e boteng jwa di-centimetre di le tlhano e epiwa ke terekere ka katologanô e e eletswang.

Katologanô

Di-cloves gantsi di katoganngwa 10 centimetres mo meleng e e katoganeng ka 20 goya go 30 centimetres, go ya ka bogolo jwa segwere jo bo eletswang. Seno se tshwanetse go tlhagisa digwere tsa garlic tse di mo magareng ga 400 000 le 500 000 mo hekethareng.

Nako ya Jalô

Jalô ya garlic e ka nna nako efe kgotsa efe go simolola thari ka Tlhakole go fitlha ka Motsheganong.

Paka ya Kgolô

Dikgwedi di le tlhano goya go thataro morago ga jalô.

Kumiso

Isa mmu wa gago gore o sekasekwe go sweetsa ka ga ditlhokegô tsa kumiso le tsa dikotla.
Fa o baakanyetsa mmu jalô mme o lemelela motshotelo kgotsa mosutele, o ka akaretsa mosutele wa kgogo jaaka monontsha wa pele ga jalô.
Di-clove tsa garlic tse di jadilweng di tla dirisa disomaredi tse di leng ka mo gare ga di-clove go medisa medi ya tsona ya ntlha le go ntsha matlhare a ntlha. Malatsi a ka nna 14 goya go 21 morago ga jalô, gasaganya magareng ga 500 le 800 kilograms ya 3:2:3 (motswako wa Nitrogen, Phosphates le Potassium) mo hekethareng ya karolo e e jadilweng. Seno ka jalo se tlile go nna teng go di-cloves tsa garlic tse di sa tswang go tlhoga medi le matlhare, mme se botlhokwa mo kgolông e e siameng ya modi le letlhare, e kwa morago e netefatsang kgolô e e itekanetseng ya segwere sa garlic sa bogolo jo bo siameng.
Dibeke di ka nna robedi morago ga jalô, ka paka ya kgolo ya semela, tshêlô e nngwe gape ya 250 goya go 300 kilograms ya 3:2:3 mo hekethareng e ka gasaganngwa mo karolong e e jadilweng. Fa kgolô ya semela e e siameng e fitlheletswe, monontsha o mongwe ga o tlhokagale. Nako dingwe mo mebung e e senang menontsha thata kgotsa e e motlhaba, go tlhokagala tshêlô e nngwe ya monontsha.

Nosetsô

Go dirisa kobelo ke mokgwa-tiriso o o siameng ka metlha go fokotsa mefero le go tshola metsi mo mmung. Ditlhokegô tsa metsi di tlile go farologana go ya ka mefuta ya mmu ka go farologana, le go ya ka maêmô a bosa a a farologaneng. Garlic e tshaba kgatelelô ya metsi ka ntlha ya medi ya yona e e seng boteng. Ka jalo go tota gole botlhokwa go nna le thulaganyo e e sa fetogeng go lekola bometsi jwa mmu mo mmung o o fa bogodimong jwa 30 centimetres, go fokotsa kotsi eno. Seno se ka dirwa ka patlisisô ya neutron, selekanya-kgatelelô ya mmu kgotsa ka go dirisa augur kgotsa garawe fa seno se sa kgonagale.

Translated by Nchema Rapoo