Hawk Eagle
Ntsu Ya Nkgôdi

© Shem Compion
African hawk eagle.

Tulo

Ntsu Ya Nkgôdi ya Afrika e aname go tswa kwa borwa jwa Sahara go ya kwa borwa jwa Tropic of Capricorn mo Afrika Borwa. Di fitlhelwa gantsi kwa dikgweng. Gantsi di bonwa nageng e e dithabana. Di kekologa dikgwa tse di kitlaneng tse tala. Sentlhaga sa Ntsu Ya Nkgôdi, ka bophara jwa 3 feet, se dirwa mo makopanelong a dikala tsa setlhare se se golo.

Phepo

E ja gantsi dinonyane tsa bogolo jo bo fitlhang go jwa Kgaka. Masogo a tota e le ona dijo tsa yona tsa ka metlha. Ntsu Ya Nkgôdi e iphepa gape ka diphologotswana tse di jaaka boRamošwe le boPela. Digagabi le tsona ke nngwe ya phepo ya ona.

Tsadiso

Gantsi di tsala go simolola ka Motsheganong go fitlha ka Phukwi. Ya tona le ya tshegadi di a elama, sebaka sa matsatsi a ka fitlha 44. Go thuthuswa fela tsuwane e le nngwe, se ke ntlha ya go bolaana ga ditsuwane.

Tebego

Mmele o mo magareng go ya kwa bogolong, dikarolo tse di fa godimo di dintshonyana; fa tlase e tshweu fela e tletsetletse bontsho, ntle le mo maotong, e na le bosweu ka bontsi mo mafofeng a maphuka fa letlhakore la kwa morago la lephuka la ka mo tlase le le lentsho. Mafofa a kwa mogatleng a mantsho ka mola o o sephara wa dikôlô tse tshweu.