Grey Nurse Shark

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Grey nurse shark

Tse dingwe mo Lelapeng

Others in family: Sand shark, Grey nurse shark, Dogfish shark, Spotted ragged-tooth shark

Leina la Maranyane

Carcharias taurus

Semeto

E ka nna 3,2 m, fa bontsi bo ka nna 2,5 m.

Ponalo

Nko e e kgolo e e mutsu ka me a a bogale. Mogatla wa mokwatla o monnyenyana. O ka bona ditsubaba tse di lefutshwana mo letlalong la mmala o o borokwa le bosetlhana. Mmele o o tsepameng ka megatla e mebedi ya mokwatla. Mogatla wa kwa morago o bonala ka letshwao la sub-terminal notch.

Dikitsiso

Lelapa la Odontaspididae le na le mephato e le 2 le dibopiwa dile 4. E balwa le tse di sa siriletsegang. Ke lone fela legwaragwara le go itseweng fa ke kometsa mowa, le o tshole ka legano gore e kgone go kokobala mo metsing.Ke sebopiwa se se fudugang go ya go nna kwa mafelong a mangwe ga nako e fitlha. O ka e bona e le nosi kgotsa e na le makoko a mangwe mo mafikeng a lewatle.
Ke phologolo e bonya e e tsamayang ka lebelo le le kwa tlase mme e ka nna mafega fa o ka e tshwenya. E na le bokete ba 160kg. E tsala ka go tshola mae a yone mo mmeleng go fitlhela e tsa bana ba ba felletseng ka kgolo. Ke nngwe ya diphologolo tse di bonang mokgwa wa Uterine cannibalism. Fa bana ba yone bale mo mpeng ba ka fepa ka tse dingwe mo mpeng ya mmatsone. Gantsi ga di tsala bana ba le babedi ka gore tse dingwe di tla bo di jetswe mo mpeng.

Dijo

Gantsi e fepa ka ditlhapi tse di marapo, Magwaragwara (sharks) a manye, rays, squid, crabs le lobsters.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.