Grenache Noir

© Glenneis Kriel

Thanololô

Grenache noir ke mofuta wa terebe o o kgonang go fetofetoga, o o dirisetswang go tlhagisa mefeine e mehibidu, e e galakang, e e tswina le e e nonotshang. Ga go itsiwe lotsalo lwa yona.

Tlhôlegô

Mofuta ono go lebega o tlhôlegile kwa Carinema, Aragon kwa bokone botlhaba jwa Spain, go tsweng moo wa phatlhalatswa le mafatshe a mangwe a segosi sa nako eo, go akaretsa le Sardinia, Sicily le Naples, mmogo le Roussilon le Corsica kwa France, e e kileng ya nna karolo ya kgaolo eo. Ka ngwagakete wa bo 18, mofuta ono o ne o setse o tlhomame kwa Languedoc, Borwa jwa Rhone le Provence.

Bolwetse jwa phylloxera jwa thari mo ngwagaketeng ya bo 19 le bona bo ne ka tsela nngwe ba atisa dijalô, ka ge balemi ba ne ba jala Grenache, e e leng bonolo go tlhogiswa mme e mela ka nonofô, mo boemong jwa merara e e neng e tsenwe ke bolwetse. Mofuta ono gantse nako e tsamaya o nnile wa nngwe ya diterebe tse di jalwang ka go anama thata, segolobogolo kwa Mediterranean.

Maina A Mangwe

Maina a a farologaneng a teng, go akaretsa Alicante kwa France, Granaccia kwa Italy le Garnacha kwa Spain.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Ga go a totobala gore Grenache e fitlhileng leng mo Afrika Borwa. Nngwe ya dikakanyo ke gore James Busby, monna wa mo-Scots yo o kaiwang fa e le “Rraago” madirelo a mofeine kwa Australia, a ne a tlogela dikalana fano fa a ne a bolola ka sekepe go tswa Perpognan kwa France go ya Australia ka dingwaga tsa bo1830.

E ne e setse e tlhomilwe fa moprofesara Abraham Izak Perold a ne a netefatsa ka 1907 gore Grenacha e a e tlisitseng mo nageng go tswa Rioja Spain e tshwana le Grenache noir ya kwa Montpellier kwa France. Grenache blanc go lebega fa e fitlhile mo Afrika Borwa ka dingwaga tsa bo1970, fa dijadi tsa Grenache Gris di ntse teng fela ka dingwaga tsa bo1990.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Ntshô-Tlhagiso e santse e lekanyeditswe mo Afrika Borwa, fela e ntse e ya godimo ka tsepamo mo ngwagakgolo o o fetsang go feta. Mo bogareng jwa 1999 le 2016, kgaolo ya ntshô-tlhagiso ya Grenache blanc e oketsegile go tswa go 28ha go ya go 110ha, fa kgaolo ya Grenache noir e oketsegile go tswa go 42ha go ya go feta 340ha.

Kgaolo ya Grenache gris e santse e le kwa tlase, go tswa go lefela go ya fela kwa tlase ga 3ha mo sebakeng se se lekanang le tse dingwe. Merara yotlhe ya Grenache gris e kwa Paarl. Merara ya Grenache noir e fitlhelwa mo dikgaolong tsotlhe tse di tlhagisang mofeine mo nageng, mme Swartland le Paarl di tshwere go feta seripa-gare sa karolo yotlhe ya ntshô-tlhagiso. Seno ke nnete gape go Grenache blanc, ntle fela le gore ga e jalwe kwa Kapa Bokone.

Kgolô

Grenache noir ke mogodi wa selekanyetso go ya go nonofô, o siametse maemo a bosa a a bothithô a ômile. Mofuta ono o na le bokgoni jwa ntshô-tlhagiso e e kwa godimo, ka ntshô magareng ya 15t/ha go ya go 20t/ha.

Go Butswa

Diterebe tsa Grenache noir di butswa mo gare ga setlha, go simolola ka seripa-gare sa ntlha sa Mopitlwe.

Meretlwa

Meretlwa ya Grenache noir e bogolo jo bo mo magareng, e bopegile ka sekgolokwe go ya go motôpô, ka mmala o o pinki e e ntshofetseng o o fetogelang go bontsho jo bo mmala wa loapi fa e butswitse. Letlapi le tiile mme leungokobolwa le matute.

Matlhare

Matlhare a phatsima ka mmala wa botala jo bo serolwananyana. A na le sebopego se se kgolokwe go ya go sa philo mme gantsi a na le ditsebe tse tharo.

Disenyi le Malwetse

Mofuta ono o tshabelelwa ke malwetse a fungi jaaka phori le go bola go akaretsa Botrytis le go bola go go setlha. Go swa ga dikala le gona e ka nna bothata.

Tirisô

Mofuta ono o tumile thata mo metswakong ya mokgwa wa Rhone, mmogo le Shiraz, Mourvedre, Carignan le Cinsaut kgotsa jaaka motswako wa mofeine wa rosé eleng Provence kgotsa mokgwa wa Tavel, gantsi le Cinsaut, Shiraz, Mourvedre, Clairette, Grenache Blanc le Chenin blanc. Bontsi jo bo oketsegang jwa badira-mofeine ba Afrika Borwa ba simolotse go tlhagisa mefeine ya mofuta-nosi wa Grenache e e kgatlhisang.

Tatsô

Mofuta ono gantsi o tlhagisa mefeine ya moutlwalo wa moretlwa le o o babang.Translated by Nchema Rapoo