Grenache Blanc

© Glenneis Kriel

Tlhaloso

Grenache Blanc ke terebe ya veine e tshweu e e simolotseng kwa bokone jwa Spain go tswa go mo e anamang go ya Fora go nna ya bone ya tse di ngwe tsa diterebe tse di jetsweng thata kwa Fora. Grenache Blanc e itsege sentle ka seabe sa yona mo motswakong wa Chateauneuf-du-Pape re tlhakanya. Ke e tshweu ya go fetogela ya Grenache Noir mme e tsweletse diveine tse di tshweu tsa nnotagi e e kwa godimo.

Tshimologo

Spain

Maina a Mangwe

Grenache Blanc e na le maina a mantsi- makaelagongwe a go feta 20- go ya ka gore e ne ya jalwa kae. Grenache Blanc e itsege gape jaaka Alicante Blanca le Garnatxa Blanca (mo Catalonia).

Tsweletso mo Aforika Bsorwa

Grenache Blanc ya ntlha mo Aforika Borwa e ne ya tlhongwa ka tshimologo ya di1900 mo polaseng Delheim gaufi le Stellenbosch mme e ne ya itsiswe mo thekisong ka 1979 fa e ne e tsewa jaaka setlabošweng yo o ‘kgatlhisang’.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Dijalo tsa Grenache Blanc go bonala di gola ka 20ha (ya 110ha ya tsotlhe tsa go jalwa) e e tlhomilweng ka 2016. Ya tse di jetsweng tse di šwa tsa 20ha, 10 ya dihektara ke e e tlhomilweng mo kgaolong ya lebopo la Borwa jwa Kapa.
Grenache Blanc e ka fitlhelwa mo dikgaolong tsotlhe tsa veine kwa ntle le Kapa Bokone. Batsweledi ba ba bonalang ba diveine tsa 100% Grenache Blanc ba akaretsa KWV, Paardeberg le Leeuwenkuil.

Kgolo

Grenache Blanc ke mouni yo o bokete (15-20ton/ha) gape e gola ka maatla, fela go tsweletsa go feta tekano go ka e tlisetsa bokoa (kuno e e kwa tlase ya botlha) mo diveineng. Go kgaola ditlhopha go di dira bosesane go a atlanegisiwa. Le fa e kgona go fenya komelelo, e ka fenngwa ke kgaratlho ya go bona botlha mo maemong a loapi a a bolelo le komelelo.
Go mogodi wa go emelela sentle o o fenyang mowa. Grenache Blanc e dira sentle mo maemong a mafelo a a omileng a a bokoa a mebu ya matlapa kgotsa a a motlhaba. E kgona go jalwa jaaka sekgwa sa diterebe se se nnye kgotsa ka tsamaiso ya go sekegediwa ka tlhamalalo go ya godimo.

Go Butswa

Grenache Blanc e tlhoka nako e telele go le bollo go butswa le go kotulwa mo bogareng jwa setlha sa go kotula.

Matlhare

©Glenneis Kriel
Grenache Blanc ka matlhare a a sebopego sa philo a phatsimang a botala jo borethe ka meno a mola o o tlhamaletseng.

Borekhu

Borekhu jo botala bo bo serolwanana di bogareng ka bogolo mme ditlhopha di digolo, le go bonala di le potokwe ka sebopego. Letlalo al borekhu le thata le boleta le sekgojwa se se matute.

Disenyi le Malwetse

Grenache blanc e tlhaselwa thata ke malwetse a dibaketeria, mouta o o tshetlha, bhomopsis le monyo o o boleta mme ga e nke a amiwa ke nngodule, legae la diterebe ‘grillure’ ditlolelamatlhare le dintana. Diterebe di masisi go botrytis le fa khai ya semela e tshwaedistwe ke mogare, di mo kotsing e e kwa godimo ya ditlhomamiso tse di bokoa.

Tiriso

Grenache Blanc ke terebe e e rategang thata mo metswakong e bile e dirisiwa mo go nonofiseng diveine kwa Spain le Fora. Go tsweletsa diveine tse di serolwane o mosweu wa gauta le mmele le diteng tsa nnotagi e e kwa godimo (13 – 15%) ge e titielwa e omile, Grenache Blanc e mo kotsing ya go tharoloswa le go nna le bokgoni bo bo lekanyeditsweng jwa go tsofala jaaka ya bongwe e e farologaneng.
Go tswaka le diveine go ka oketsa botshelo ba tsona ba mo dišhelofong fa a dira jaaka e e ‘boletana’ mo e tswakilweng. Grenache Blanc ke e nngwe ya mefuta e e dirisiwang go dira Rivesaltes Vin Doux Naturel, ka tlhago ke veine e e sukiri ya go tsenwa borenti gore e tshwarelele go feta dingwaga di le 100.

Tatso/Moutlwalo

‘Khumo’ le ‘maungo a ma tala’ a lebega e le tse pedi tsa ditlhaloso tsa tlwaelo tsa dintlha tsa tatso ya Grenache Blanc. Dintlha tse dingwe di akaretsa fenugreek (kgotsa seloki sa cumin), monamune le, mme fa veine e ne ya tsholwa ka diouku, meutlwalo ya apole e e bakilweng le brioche le yone e amogetswe gape.
Grenache Blanc e amogetswe kwa United States ka meutlwalo e e tseneletseng, e e kwa godimo ya boteng ba nnotagi, le khumo ya yona - go tshwana le Chardonnay - fa o godisetswe ka diouku.

Translated by Lawrence Ndou