Batlamela-Tlhokomelo Ba Ba Godileng: Kgothatso

© Eric Miller
Mokwadi Jo-Anne Smetherham o šebisisa ka gore go kaya eng mo go ênê go buisana le bonkoko ba le barataro gotswa Khayelitsha, Cape Town, botlhe ba bona ke maloko a mokgatlho o e seng wa puso wa Grandmothers Against Poverty and Aids (Gapa), mo bukeng ya ‘The Nevergiveups’. Buka enô e gatisa dikgang tsa matshelo a bona gotswa kwa nakong e ba neng e le basetsana kwa metse-magaeng ya Kapa Botlhaba, go fitlha mo dingwageng tsa bona jaaka batlamela-tlhokomelo go malapa a bona kwa Khayelitsha, Cape Town.

Maatla a Botsalano

Ka ntlha ya matsapa a matshelo a bonkoko, ke fela botsalano le kutlwelobotlhoko ya bonkoko ba bangwe kwa GAPA (Grandmothers Against Poverty and Aids) tse di ba tsholang ba tsamaya. Mme mokgatlho o dira tiro e e tswileng diatla. E ntse poêlô go buisana le bonkoko.

Mo dikgwetlhong tsotlhe tse basadi banô ba lebaganeng le tsona, ba na le seelô sa boammaruri, bopelokgale le maikemisetso tse di rotloetsang batho ba ba tshwanang le nna, ba ba nang le ditlabakelo tse di ntsi. Dikgang tsa bona di tlhomame. Ke dikai tsa itshokelano-dikgwetlho le botho jo bo nônôfileng.

Ba nkgothaleditse gore go kaya eng go nna motho. Fa ke ne ke kwala dingwe tsa dintlha tseno ke ne ka ikutlwa ke maketse mme ka tshwanela ke go emisa, ka dula ka situ le tidimalo metsotso e le mmalwa, go tsaya ditlamorago tse di kgolo tsa se bonkoko ba neng ba se bua.

Bonkoko ba GAPA ba mpontshitse gore tshotlego e ka re repetla, fela ba mpontshitse gape gore fa re kgona go gogoba, re tlhôtse mme morago re tabogele kwa pele gape, kgato nngwe le nngwe e ka nna phitlhelelo e e boitshegang.

Translated by Nchema Rapoo

Go Simolola Setlhopha sa Grandmothers Against Poverty and Aids

Alicia Mdaka o bua kgang ya go simololwa ga setlhopha sa GAPA (Grandmothers Against Poverty and Aids) le gore e amile botshelo jwa gagwe jan...more

Dikgang tsa Bonkoko – Go Latlhegelwa Ke Ba O Ba Ratang Ka Ntlha ya HIV-Aids

Goldie Qayiya le monna wa gagwe Otto, gotswa Khayelitsha, ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo ka ga mogare wa HIV. Le fa gontse jalo, o tsere...more

Dikgang tsa Bonkoko – Maitemogêlô a Tlhaolele

Tenjiwe Tutu o arogana maitemogêlô a gagwe jaaka modiri wa gae ka dingwaga tsa tlhaolele, go efoga sepodisi le go falola go ya kgolegelong...more

Dikgang tsa Bonkoko ka ga Nyalo Mo Ngwaông ya SeXhosa.

Goldie Qayiya le Felicia Mfamana ba arogana ka ga maitemogêlô a bona a maeto a bona a a farologaneng a le lenyalo; Goldie o ne a nna le le...more