Gobies

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Gobies/Triplefins

Leina la Maranyane

Gobiidae

Semeto

E ka nna 30 cm, fa bontsi bo ka nna 5 cm.

Ponalo

Mmele o monnye e moleele ka tlhogo e tona. Mmele o a fokotsega go ya kwa mogatleng wa kwa morago. Matlho a yone a magolo a nna mo godimo ga tlhogo ya yone. Tse dingwe di na le di’barbels mo tlhogong. Mmala o a farologana go tswa go mmala o sa kgatlhiseng go ya go mmala wa lephutshe, botala ba legodimo le selefera.

Dikitsiso

Lelapa la Gobiidae le na le mephato e ka feta 210 le dibopiwa tse di fetang 1 800 tse di frologaneng. Ke lelapa la dibopiwa tsa lewatle le legolo go di feta tsotlhe. Dibopiwa tsa mephato e mengwe e tshwaragane megatla ya fa lethekeng mme e e dirisetsa go itshwarelela mo coraleng. Gantsi o ka e fitlhela e kotame mo matlapeng kgotsa mo coraleng. Mae a yone a tshelwa mo mmung. Tse ditona di tla a tlhokomela malatsi a mmalwa go fitlhela a thuba.

Dijo

E fepa ka dibopiwa tse disenang lerapo la mokwatla. le algae ya plankton.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Fire goby - Nemateleotris magnifica
Seawhip goby - Bryaninops yongei
Pennant glider - Valenciennea strigata