Go Tsaya Tshweetso

© Marinda Louw
Ka ge temôthuo ele kgwebo mme madi le nako di le mo lomapông, go tsaya tshweetso ga go a tshwanela ke go lomaganngwa kgotsa ga dirwa ka lepotlapotla. Balemirui ba tshwanetse go akanyetsa ditlabakelo tsa polase. Ditlabakelo di ka akaretsa badiri, madi, nako, go nna teng ga metsi le ditlhokegô tsa mmaraka. Ditlabakelo tseno tsotlhe di tshwanetse go ka tsenngwa mo maitlhomong a molemirui - go dira lotseno.
Maitlhomo a mangwe a a ka tshamekang karolo mo tsêông-tshweetso ke:
Go oketsa ntshô-tlhagiso le go fitlhelela seêmô se se siameng sa botshelo le go tlhokomelo lolapa
Go netefatsa fa polase e tswelelapele mo paka-teleleng

Tsamaiso ya Tsêô-tshweetso

Tsamaiso ya tsêô-tshweetso mo polaseng (mme, mo boammaaruring, mo mokgapheng ofe kgotsa ofe wa botshelo) e ka kgaoganngwa ka dikgatô di le tlhano.
Supa bothata.
Go katswa go na le bothata jo bo jaaka ntshô e e bokoa mo dijalong tsa gago, fela motswedi wa bothata ke eng? A o dirisa dipeo tsa boleng jo bo kwa tlase? A o jala pele ga nako mme matlhogela a senngwa ke segagane? A mmu wa gago o bokoa?
Bothata gape e ka nna tshono ya go gola. Simolola ka go kokoanya tshedimosetso. Sekai, batlisisa gore dipolase tsa boagisanyi di diragatsa jang - a di dirisa motshotelo kgotsa monontsha, di jala leng, di nosetsa ka seêlô se se kana kang, jalo le jalo.
Batlisisa ditharabololo kgotsa ditiragatso tse dingwe.
Morago ga go supa mathata le metswedi ya nnete ya mathata, ditharabololo tse dingwe di tshwanetswe ke go batlisiswa. A o ka fetola nako ya gago ya jalô, wa tshela motshotelo kgotsa wa dirisa dipeo-jadi tse di botoka? Seno se tshwanetse go lekwa go bona fa ditlamorago e tla nna eng - jalô ya go sale gale kgotsa go ungwisa mmu ka motshotelo pele ga jalô go ka isa kwa kgolông e e botoka, e e ka bakang koketsego mo dipoêlông.
Tlhopha mokgwa-mongwe o o gaisang.
Ke mekgwa-mengwe efe e e ka tokafatsang tiragatso ya polase? Bapisa bomolemô le bosula tsa mokgwa-mongwe mongwe le mongwe mo ntlheng ya tlhwatlhwa, go tlile go tlhokagala bodiri jo bo kana kang, nako le ditekeletso. (Sekai, motshotelo o ka nna tlhwatlhwa-godimo go rekwa le go tsamaisiwa, fela fa o na le dikgomo mme o ka itirela wa gago, fela seno se ka tsaya nako e telele.)
Tsenya tshweetso mo tirisong.
Fa o tsenya tirisong mokgwa-mongwe o o gaisang, o dirise. Ditlabakelo tse di tlhokwang (sekai, bodiri, nosetsô, monontsha) di tshwanetse go ka rulaganngwa, mme seno se kaya go dira. Motsaya-tshweetso o tshwanetse go rwala maikarabelô a go e tsenya tirisong. (Sekai, thapa mongwe go kokoanya mosutele le go simolola go dira motshotelo, tlhopha nako ya go tshela motshotelo mme o rulaganye badiri ba ba lekaneng go tshela motshotelo ka nako e e maleba).
Sekaseka dipholo.
Lekola tswelopele go bona fa maitlhomo a fitlheletswe. Go tshola rekoto mo temôthuong go botlhokwa gore diphetogo le ditokafalo di salwe morago. Kwala fatshe diphetogo tsotlhe tse di dirilweng le dipholo dingwe le dingwe tse di fitlheletsweng. (Sekai, go tshetswe motshotelo o mo kana kang, dipharologano mo ntshông ke dife fa go bapisiwa le ditshingwana tse o sa tshelang motshotelo mo go tsona?).

Translated by Nchema Rapoo