Go Tsamaisana Dikolobe

©National Pork Board, USA
Melawana le mekgwa-tsamaiso e e farologaneng e tlhoka go ka selwa morago fa go tsamaiswa dikolobe. Ka tshobokanyo, maitlhomo a yona ke go thibela kanamô ya malwetse le go fokotsa kgatelelô-maikutlo ya diphologolo fa di tsamaiswa.

Tshireletso-tshedi

Go thibela dirori go ka anamisa malwetse, di tshwanetse go ka phepafatswa ka gotlhelele mme di tlhwekiswe megare pele di boela kwa polaseng efe kgotsa efe ya dikolobe. Kwa dikgaolong tse go nang le dikganelo tsa malwetse teng, dikolobe di ka se tsamaiswe ntle le lekwalotetla gotswa kwa Lefapheng la Puso la Itekanelo ya Diphologolo. Fa go tsamaiswa dikolobe tse di bobolang, di tshwanetse go ka tsamaiswa ka go kgaogana le dikolobe tse di itekanetseng.

Phuthologo ya Diphologolo

Dikolobe di tshwanetse, ka fa go kgonegang, go ka tsamaiswa ka dikarolwana tsa letsatsi tse di rurufetseng, fela ka kakaretso, ga di rate go tsamaiswa bosigo. Diphologolo di tshwanetse go ka sireletswa kgatlhanong le marang a letsatsi, botsididi jo bo feteletseng, serame sa phefo le digase tsa exhaust.
Moriti, wa lesela kgotsa wa sediro se se tiileng, o tshwanetse go ka diriswa fa ele gore diphologolo di tlile go ka tsamaiswa ka dinako tse di thuthafetseng tsa letsatsi. Gape go ka thusa go kolobetsa dikolobe fa di le mogote thata.
Bodilo ga bo a tshwanela go nna mareledi mme matlhakore a tshwanetse go nna bogodimo jo bo lekaneng go thibela dikolobe go ka tlola gotswa mo seroring.
Dikolobe tsa bogolo bo le bongwe le dingwaga di le dingwe di tshwanetse go ka tlhaolwa mmogo, mme di-partition di diriswe go kgaoganya ditlhopha tsa dikolobe tse di farologaneng kgotsa go aroganya dipalo tse di kwa godimo ka ditlhotswana go efoga thulano, twano le kgeriso.
Dihôkô le di-partition tse diphologolo di tsholwang ka mo go tsona di tshwanetse go nna bogolo jo bo lekaneng go letla diphologolo tsotlhe go ka rapalala ka nako ele nngwe, mme kolobe nngwe le nngwe ya bacon kgotsa e potlana ya nama e tlhoka bonnye 0,56 square meter, fa dikolobe tse kgolwane di tlhoka go fitlha go 0,74 square meters nngwe le nngwe.
Le fa dikolobe gantsi di itima dijo ka motsi wa go tsamaiswa, di tshwanetse go rebolelwa metsi mo diureng di le 18 morago ga tshimologo ya loeto lwa tsona fa di tsamaiswa sekgala se se telele.
Bukana-kaedi ya tlhagiso ya South African Pork Producers Association, eleng Pigs for Profit, e gakolola balemirui go laisa dirori fela di siamela go ka bolola ka ge dikolobe di lwa fa di kwatile, segolo thata fa serori se eme. Ka jalo baakanya dipampiri tsotlhe pele o laisa dikolobe.

Tshwarô ya Diphologolo

Tlhokomelo e tshwanetse go tsewa fa go laiswa diphologolo gore go nne le kgatelelô-maikutlo e e bobotlana jo bo kgonegang. Seno se ka dirwa ka go dirisa badiri ba ba katisitsweng go laisa dikolobe, ka go dirisa maitsholo a tlhagô a kolobe mo bomolemong jwa gago, le go dirisa mekgokologo ya taiso le mafelo a pagamelo a a tlileng go letla dikolobe go pagama dirori ka kgololosego. Dikolobe, ka sekai, di tsamaya bonolo fa di tsamaiswa ka setlhopha. Go bonolo gape go laola motsamao wa tsona fa o ema fa di go bonang teng.
Pigs for Proft e tsitsinya gore balemirui ba dirise kgôlê go thathetsa tlhaa ya kwa godimo ya kolobe fa ba tsamaisa ditona ka bongwe. O seke wa leka go tsamaisa dinamagadi kgotsa ditona tse kgolo ole nosi ka ge di le bokete mme di tiile go feta monna.
Lefelo la taiso le tshwanetse go nna mo boleeleng le bophareng jo bo tshwanang le jwa bodilo jwa serori se dikolobe di tlileng go laiswa mo go sona, selo se se ka nnang thata fa dikolobe di rwalwa ka dirori tse di farologaneng. Di ka kukelwa mo diroring, fela seno se ka nna thata mme sa isa kwa dikgobalong. Diphologolo di ka gogwa ka maoto kgotsa tsa kukwa kgotsa tsa tshwarwa ka tlhogo, ditsebe kgotsa megatla.
Bakgweetsi ba dirori ba tshwanetse ba bo ba itse go tlhokomela diphologolo. Ba tshwanetse go kgweetsa ka bonolo jo bo kgonegang go thibela diphologolo go ka wa, go thulana kgotsa go baka dikotsi. Dirori di tshwanetse go emiswa fela fa go tota go tlhokega, mme thulaganyo ya motsi wa tshoganyetso e e rulantsweng pele ga nako e tshwanetse go tlhanngwa pele ga maeto mo mabekeng a go ka nnang le tshoganetso kgotsa go senyega ga serori. Bakgweetsi ba tshwanetse go katiswa gore ba itse se se tlhokang go dirwa ka motsi wa mabaka a tshoganetso, mme ba nne le megala ya letheka go ka golagana le mongwe go bona thuso.

Translated by Nchema Rapoo