Go Tlhokomela Maloko A Lolapa A A Tshelang ka HIV/Aids

Setlogolo le morwa ba ga Nothando Kubekile ba tshwerwe ke HIV/Aids. Setlogolo sa gagwe, Sandiswa, ke sefofu mme o tshwerwe ke malwetse a a farologaneng. Nothando o arogana gore maatla a gagwe a tswa kae le ka fao setlhopha sa GAPA (Grandmothers Against Poverty and Aids) se mo tshegetsang ka teng.

Kgaratlho ya ga Sandiswa Kgatlhanong le HIV/Aids

©Eric Miller

Setlogolo sa me se se tona, Sandiswa, se na le dingwaga di le 18 mme ke sefofu. Fa ane a le dingwaga di le 14, o ne a simolola gotswa dinthô tse kgolo mo tlhogong. E ne e le letshwao la ntlha la gore o na le HIV. Ke ikemiseditse go bua seno ka gonne ke amogetse bolwetse. Go botlhokwa go amogela bolwetse jono pele o ka samagana le bona sentle.

Fa gona le kgethololô-kamanyô mo setšhabeng sa rona, nka e itshokela. Ke maatla ka tsela enô. Re ne raya kwa Groote Schuur Hospital, bookelo jwa puso jo bo golo mo Cape Town, fa Sandiswa a ne a tshwaetsega. Mme dingaka di ne tsa re bolelela fa kokwana e setse e le magoletsa.

Ke nakwana a ntse a nwa diritibatsing tsa antiretroviral ga jaana, fela o ne a ntse a sa tseye melemo ya gagwe ka nepagalo. Dingaka tsare ke ka fao a foufetseng. Ka Labone, re ne ra ya kwa ngakeng gape. O ne a re o tshwerwe ke TB (Tuberculosis), fela a ka fola. O otile le go lwala thata mme o manyaapelo mo ebileng a sa tlhole a bua, le eseng le bontsalaagwe tota. O fitlha tlhogo ya gagwe fela.

Maikarabelo a Nkoko

©Eric Miller

Sandiswa o tsena sekolo sa difofu kwa Worcester, seo se mo siametseng. Ka mafêlô a beke, o tla gae. Ke a mo tlhokomela, ke mo tlhatswetsa diaparo le go mo thusa ka sengwe le sengwe se a se tlhokang. Ke tiro e e boitshegang. Ka nako dingwe, morwalo wa me o a ikimela. Ke na le maikarabelo a le mantsi, ke tlhokomela ditlogolo tsa me, mme ke na le bolwetse jwa sukiri, kgatelelô e e kwa godimo ya madi le arthritis.

Go na le dinako di le dintsi mo ke ikutlwang ke fekeetswa ke kutlôbotlhoko ya se se diragaletseng lolapa lwa me mme se nka se dirang ke go lela fela. Kutlôbotlhoko e e jaana ga e tsamae. Fa o e nagana, e boa gape ka mafolofolo. Morwa wa me Andile o na le HIV, fela o upulotse seno mme ke mokgaratlhi. O itekanetse. O ya kwa maokelong go gakolola batho bao ba dirang diteko. O tiile.

Maatla a Nkoko

©Eric Miller

Mo botshelong jwa me jwa tsatsi le letsatsi, ke tiile. Bomme ba kwa Grandmothers Against Poverty and Aids ba tota ba nthusa. Re fana tshegetso e kgolo moo ebile ke ratang go ya kwa GAPA. Ke ithuta kwa teng gore rotlhe re na le mathata a a tshwanang. Re a gakololana mme re a thusana.

Fela go na le dinako tse ke sa kgoneng go ya kwa teng ka gonne ke nna fela yo ke tlhokomelang ditlogolo fano mme di a ntlhoka, segolo-bogolo Sandiswa. Ke dilo tse pedi fela tse di leng botlhokwa mo botshelong jwa me: go netefatsa fa ke kgona go tlhokomela ditlogolo tsa me le tiro ya me jaaka ngaka ya setso. Ga gona sepe se sengwe se se leng botlhokwa go nna.

Translated by Nchema Rapoo