Go Thota Dikgogo

© Andile Bahla

Go tila dikgobalo le dintsho, kgogo e tshwanetse go tsholwa e repile mme e se ka fa tlase ga kgatelelô ya maikutlô fa e tsamaiswa. South African Poultry Association e fana ka maele a a latelang go netefatsa fa loeto lo tsamaya ka thêlêlô:

Bakgweetsi

Mokgweetsi ga a tshwanela fela go rata diphologolo, fela o tshwanetse gape go itse ka ga matsapa a tlhôkômêlêsêgô a a ka tlhagelelang ka motsi wa loeto. Pabalêsêgô le tlhôkômêlêsêgô tsa dikgogo di tshwanetse go ka tsewa tsia mo loetong lotlhe mme sejanaga se tshwanetse go tshwarwa ka mokgwa o o thibelang go relela kgotsa go wa ga ditshodi.

Go Ema le Boleele jwa Maeto

Dipampiri tsotlhe di tshwanetse go rulaganngwa pele dikgogo di tshwarwa le go laiswa, gore sejanaga se tsamaya fela fa morago ga gore dikgogo di laiswe. Maeto ga a tshwanela ke go feta sebaka sa diura di le someamabedi-nne mme go ema go tshwanetse go dirwa fela fa go tlhokagala. Fa go emiwa mo maemong a bosa a a mogote, sejanaga se tshwanetse ke go ka tshola lefelo le ditshodi di leng mo go lona le na le pulelomowa le dithemphoritšhara tse di siameng.

Go Tima Dijo

Dikgogo ga di a tshwanela go amogwa dijo kgotsa metsi pele le ka motsi wa loeto, mme ga di a tshwanela go tlhoka dijo kgotsa metsi sebaka se se fetang diura di le someamabedi-nne, tse di balwang go simolola ka nako ya bofelo e di filweng dijo kgotsa metsi ka yona.

Maemô a Bosa

Go tshwanetse go tsewa dikgato tse di maleba go sireletsa dikgogo kgatlhanong le maemô a bosa a a kotsi, segolo thata mo maetong a maleele. Fa go le mogote, dikgogo di tshwanetse go laiswa le go tsamaiswa mo dikarolong tsa letsatsi tse di rurufetseng, e ka nna go sale gale mo mesong, thari mo thapameng kgotsa mo bosigong.

Tshwarô ya Dikgogo

Dikgogo tse di godileng di tshwanetse go tshwarwa ka bongwe, mme di tshwarwe ka maoto ka bobedi, mme mmele o tshegetswe. Motho a le mongwe ga a tshwanela go tshwara dibeela-mae kgotsa ditsadisi tse di fetang tharo ka seatla se le sengwe, le dikgogo tsa nama tse di fetang nne ka seatla se le sengwe.
Ditshodi di tshwanetse go sutiswa ka boleta, di seke tsa sekamiswa go feta 20 degrees ka motsi mongwe le mongwe wa go laisa kgotsa go laisilola, mme di seke tsa latlhelwa fela kgotsa tsa phuaganngwa. Dilo tse di bofelelang di tshwanetse go diriswa go thibela ditshodi gore di se menoge.
Ditshodi, dikhereiti, ditlatlana kgotsa disefe tse di diretsweng dikgogo mo diteroleng tse di dirisetswang go tsamaisa dikgogo, di tshwanetse go nna phepa mme di betlelwe tshwarô le tsamaiso ya dikgogo. Tsela e ditshodi tseno di pakiwang ka yona ga e a tshwanela go kganela tsamao ya mowa go tsena le go tswa ka mo gare ga ditshodi. Dikgogo ga di a tshwanela go kgona go ntshetsa ditlhogo, diphuka, kgotsa maoto kwa ntle ga ditshodi.

Dikgogo

Ke dikgogo fela tse di itekanetseng mme di nônôfile tse di tshwanetseng ke go tsamaiswa. Maemô a bosa, ka motsi wa loeto le sebôpegô sa setshodi di tshwanetse go ka tsewa tsia fa go sweediwa ka bokete jwa kokoanô ya dikgogo tse di tsamaiswang. Ka kakaretso, kgogo nngwe le nngwe e e tshelang e tshwanetse go fitlhelela bodulô jwa bobotlana 20 cm². Mo go dibeela-mae, bokete jwa kokoanô ya dikgogo bo tshwanetse go nna kwa tlase ga 55kg go square meter, fa bo tshwanetse go nna kwa tlase ga 70kg go square meter fa e le dikgogo tsa nama tse di tsamaiswang.

Dikgogo tse di Tshelang

Rêkhôte ya dithekiso e tshwanetse go gatiswa, e e akaretsang dintlha tsa kgolagano tsa bareki mmogo le palo ya dikgogo tse di rekisitsweng le seêmô sa boitekanelô jwa tsona. Ka mabaka a tshireletso, bareki ga baa tshwanela go ka letlelelwa mo bodirelong jwa ntshô-tlhagisô mme thekiso ya dikgogo tse di tshelang e tshwanetse go direlwa mo lefelong le le kgethegileng ka fa ntle ga lefelo le le serileditsweng.

Kitsisô-Phatlhalatsa

Netefatsô ya kitsisô-phatlhalatsa go ya ka setlankana sa Molao Tiriso e tshwanetse go nêêlwa ka gore:
  • Aa dikgogo ga di na matshwao a a bonalang a bolwetse le gore ga gona dintsho tse di feteletseng tsa setlhopha sa dikgogo tse di begilweng mo malatsing a le someamararo a a fetileng
  • Dikgogo di tlhatlhobetswe malwetse a Salmonellae le gore di sela morago ditlhokwa tse di mo melawaneng ya Salmonellae Movement Protocols
  • Dikgogo di tlhatlhobetswe mofikêla wa dikgogo go ya ka HPNAI Contingency Plan le gore di sala ditlhokwa tse di mo tokomaneng ya teng morago
  • Dikgogo di tlhatlhobetswe bolwetse jwa Newcastle go ya ka “Movement Control Protocol in case of Newcastle disease” le gore di sala morago ditlhokwa tsa tsamaiso eo
  • Dikgogo di tshwerwe go ya ka melawana ya ga jaana ya SAPA Code of Practice for Live Bird Sales

Translated by Nchema Rapoo