Go Simolola Bolemirui jwa Tsa Mašwi

© Eric Miller

Selo sa ntlha go se leba fa o simolola polase ya tsa mašwi ke tlhopho ya letsopa le le tshwanetseng maemo a tikologo ya gago. A bosa bo bothitho kgotsa maruru? A o na le sefepi sa boleng jo bo siameng ka bogaufi, a o na le mannô a dikgomo tsa gago, le gore a gona le malwetse ale mantsi a dikgomo mo kgaolong ya gago. Go tlhopha letsopa le le matshwanedi la bolemirui jwa tsa mašwi go botlhokwa mo go netefatseng diphologolo tse di itekanetseng, ntshô e ntle le dinamane tse di nonofileng tse di tlileng go tshela sebaka.

Go Tlhopha Letsopa

©Chris Daly
Letsopa le le diriswang mo tlhagisong ya kgwebo ka jalo le ikaega ka boitlhophelo jwa gago, mabaka a tikologo jaaka maêmô a bosa, difepi tse dileng teng le ditlhagiswa tsa bofelo tsa mašwi, sekai, fa ele gore o batla go rekisa mašwi kgotsa go dira cheese. Sekai, baphetodi ba ba tlhagisang cheese ba rata go dirisa mašwi a a kwa godimo ka dikompa tsa mašwi (mafura le protein) a a tlhagiswang ke dikgomo tsa Jersey. Dielo tse di kwa godimo tsa mašwi tse di tlhagiswang ke dikgomo tsa Holstein di siametse ditlhagiswa tsa seeledi, jaaka mašwi le yogurt.

Ke Letsopa Lefe la Dikgomo tsa Mašwi Le O Ka Le Tlhophang?

Bontsi jwa dikgomo bo ka gamelwa mašwi a a nowang fa lolapeng, fela mo bolemiruing jwa kgwebo mo Afrika Borwa, go na le matsopa a dikgomo ale manè a e leng dikonokono tsa dikgomo tsa mašwi. Ona ke:
Holsteins - gotswa mo kgomong nnete ya Dutch Friesian
Ayrshires - gotswa Scotland
Jerseys - gotswa kwa Ditlhaketlhakeng tsa Jersey Isles tse di leng fa gare ga England le France
Guernseys - gotswa kwa Ditlhaketlhakeng tsa Guernsey tse di leng fa gare ga England le France
Matsopa a mannye a tsa mašwi a akaretsa Brown-Swiss le Milking Shorthorns. Matsopa-pedi mangwe a Yuropa, a a tserweng mo letsopeng la Simmental, le ona ga jaana a gamiwa mo Afrika Borwa. Ona a akaretsa Fleckvieh, Montbéliarde le Abondance gotswa kwa Germany, France le Italy, ka tatelano. Matsopa a Yuropa a mangwe a a leng teng ke matsopa a Normandé (gotswa France) le Scandinavian Red a a jaaka Swedish Red le Norwegian Red.
Kwa dinageng dingwe, matsopa a selegae - bontsi jwa gona ke mefuta ya Zebu, a diriswa mo tlhagisong ya mašwi. Ntshô ya mašwi ya matsopa a selegae e kwa tlase go ya matsopa a dikonokono a tsa mašwi, fela a na le go tshela sebaka. Seno ke ka ntlha ya bokgoni jwa tsadiso, di boitshoko go feta, mme di tlwaela maemo a selegae botoka a a jaaka go itshokelqla mogote le kganano e kgolo ya malwetse.
Matsopa a a lerilweng mo nageng a tlhoka maemo a tshelô a a tokafetseng, jaaka moriti kgotsa ditlamelo tsa bodulo le difepi tsa boleng jo bo botoka. Ka ntlha ya matsapa a botlwaelô, tsadiso-magareng magareng ga matsopa a dikonokono a tsa mašwi le matsopa a selegae e tsweletse go tuma. Sekai, kwa New Zealand kgomo ya Kiwi e tlhamilwe ka thulaganyo ya tsadiso-magareng e e dirisang dipoo tsa Holstein le tsa Jersey.

Translated by Nchema Rapoo