Go Rua le go Tsadisa Mebutla

© Judy Stuart

Melao ee botlhokwa ya go Rua Mebutla

Ga o ka kgona, leka go nna le leruo la matsopa a boleng jo bo kwa godimo le o ka le kgonang. Go na le matsopa (breeds) aa diretsweng maduo a thoto (product) ee tlhamaganeng (specific) le one. Fa letsopa la leruo la gago le tshwana le selekano (standard) sa tlwaelo sa mofuta wa letsopa la boleng jo bo kwa godimo, o tla nna le bokgoni ba go bona thoto ya boleng jo bo kgatlhisang. Reka leruo la gago la ntlha mogo morui oa ikanyegang, mme o tla kgona go gofa dikitsiso tsotlhe kaga leruo la gago. Se, se akaretsa kitso kaga malatsi a tsone a botsalo, kitso ka ga tshika ya batsadi le tlholego ya phologolo engwe le engwe.
O seka wa tswakanya matsopa (crossbreed). Go tshwana ga thoto (product) ya leruo la gago go tla go thusa go bona katlego ya leruo la gago, mme matsopa aa farologanang a ka se go bonne seo ka gonne morui ga a na kitso ya gore o tla bona eng ga ditsala. Tswakantsho ya matsopa e dulelesega fela fa e ka dirwa ke morui o a nang le maitemogelo a go itse gore a ka tswakanya eng ka eng, mme a nne le boitsanape ba go ka fokotsa (cull) sengwe le sengwe se ka sa siamang mo ditekeletsong (expeiments) tsa gagwe.
Tona le namagadi ba tshwanetswe ke go nna le bophelo le boitekanelo jo bo siameng gore ba tsale. Phologolo engwwe le engwe ee sa itekanelang ga e ya tshwanelwa ke go ka tsala go fitlhela bophelo (health) jwa yone bo bwela kwa mannong. E tona le namagadi di tshwantse go nna dingwaga tsa bonnyennyane (minimum), le bokete go ka tsala.
Dingwaga tsa bonnyennyane tsa matsopa a mannye ke 5 mnth – 6 mnth. Fa ele matsopa aa kwa bogareng (medium), kgotsa tse dikgolo, ee tona e tshwantse go nna bonnyennyane ba dingwaga dile 6 – 8 mnths. Ga o ruile matsopa a magolo, o nne o lebeletse bokete ba tsa basadi. A ka nna a tsadisiwa fa a setse bone bokete ba tse di godileng. (Tsayatsiya mme o tshwarelle selekano sa tlwaelo (keep the standard) mabapi le matsopa a o a kgethileng). Namagadi ya matsopa a magolo e ka nna le mathata a go ima fa o ka a tlogela sebaka se se leele mme a nona thata.
O seka wa tsadisa phologolo ee bogale kgotsa e rata dikgoka. Maitshwaro a yone aa sa kgatlhiseng a ka ategella mo tshikeng ya isago, ebile o gopole gore mebutla e ka ngapa le go loma botlhoko. Namagadi ee dikgoka ga e nke e amusa le go tlhokomela bana sentle.

Translated by Ikalafeng Maedi