Go Ribololwa ga Sekanô sa Setšhaba sa Bosetšhaba sa Afrika Borwa

Fa Afrika Borwa nkabe ele motho, Sekanô sa Setšhaba e ne e tla nna pewo-monwana ya gagwe. Sekanô sa Setšhaba se supa setempe kgotsa setlanyi sa semmuso mo ditokomaneng tsa semolao, tse di jaaka setlankana sa botsalo. 

©Roger de la Harpe

Se ka diriswa gape jaaka sekôpêlô mo dikagông tsa mmuso le jaaka sekanô mo leding la tshipi go bontsha gore ka boammaruri le bosemmuso ke la Afrika Borwa. Sekanô sa Setšhaba sa Bosetšhaba se bopilwe ka matshwao ale mmalwa, lengwe le lengwe le na le bokao jo bo rileng, mme mmogo di thusa go bua kgang ya Afrika Borwa.

Puo ya Moporesidente

Fa Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa se ne se ribololwa lantlha kwa Kwaggafontein ka 27 Moranang 2000, Moporesidente Thabo Mbeki o fane ka puo e: “Gompieno, mo Letsatsing la Kgololosego la rona, re kgobakane rotlhe fano go ribolola letshwao le lengwe gape la boitshupo jwa rona jwa setšhaba, Sekanô sa Setšhaba sa rona se se ntšhwa.

Ke sa boAfrika-Borwa le boAfrika. Ke sa boAfrika le boditšhabatšhaba. Se dira gore re tsosolose bogologolo jwa rona, bogompieno jwa rona jo bo tshelang le bokamoso jwa rona jaaka bo phuthologa fa pele ga rona. Se emetse boitshupo jwa leruri fela jo bo fetogang jwa batho ba Afrika Borwa. Ka Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa seno, re tlotlomatsa segologolo sa rona.

Re senka go tlampurela dithulaganyo tsa tumelo ya selegae tsa batho ba rona, ka go bontsha tlotlô ya rona go tsalano-magareng ya batho le tlhagô. Se gopola dinako tse batho ba rona ba neng ba dumela fa go na le sengwe se se maatla se se nyeumang mo tlhagông, se se golaganyang batshedi le baswi. Se tlotlomatsa lefatshe la rona le kontinente ya rona jaaka bopepi jwa motho, jaaka lefelo le mo go lona botshelo jwa motho bo simolotseng teng.

Setshwantsho bogareng sa Sekanô sa Setšhaba se se ntšhwa sa rona ke nonyane e e tumileng ya ramolongwana, ka maphuka a yona a a tsholeditsweng. Mosireletsi yono yo o ikgarileng ke nonyane e e bolayang dinoga mme ka jalo e re sireletsa kgatlhanong le bao ba ka re tlhagisetsang kotsi.

Fa godimo ga nonyane ke letsatsi le le tlhabang, maatla a a neelanang ka botshelo, mme le supa go tshaba ga lefifi le go fenya ga tshenolo, kitso, go tlhaloganya dilo tse di neng di fitlhilwe, le go bonesetsa gape botshelo jo bo ntšhwa jo bo simologang – eleng setšhaba sa rona se se ntšhwa jaaka se tsalwa le go tlhabologa.

Fa tlase ga nonyane, ke protea, sethunya sa selegae sa naga ya rona se se supang bontle, kutlwanô e e selebo ya ditso tsa rona, go thunya ga rona jaaka setšhaba jaaka re golela goya kwa letsatsing. Ditsebe tsa korong ke dikanô tsa go ungwa ga lefatshe la rona le le faneng ka itshediso go batho ba rona dingwagangwaga, fela jaaka le tlile go dira goya bosakhutleng.

Dinaka tsa tlou ya Afrika, tse di tlhagisitsweng-boša ka dipara go supa banna le basadi, di tshwaya botlhale, tsepamo le nonofo. Mo bogareng go eme thebe e e supang tshireletso ya borona gotswa tshikeng e nngwe goya go e nngwe. Fa godimo ga yona, go itlhomile lerumo le molamu. Mmogo, phuthego eno e tlhomamisa tshireletso ya kagiso mme eseng boikemisetso jwa ntwa.

Thebe eno ya kagiso, e gape e tshitshinyang moropa wa seAfrika, ka jalo, ka fa go le lengwe, o neelana ka molaetsa wa batho ba ba tletseng lorato lwa ngwao, karolo ya yona e e fa godimo jaaka thebe e e emetsweng mo mogopolong ke protea. Ka mo gare ga thebe ke dingwe tsa ditshwantshiso tsa go sale gale tsa motho mo lefatsheng.

Bao ba tshwantshisitsweng, ba e neng ele badudi ba ntlha ba lefatshe la rona, Basarwa, ba supa maitlhomo a rona a go keteka setho le go tsweletsa-pele matsapa a kgotsofatso ya batho botlhe mo nageng ya rona le go ralala lefatshe. Ditshwantshiso tseno tsa batho di tsewa gotswa mo ditshwantshong tse di mo Letlapeng la Linton, sekai se se tumileng lefatshe lotlhe sa Botaki jwa Majwe jwa Afrika Borwa.

Ba tshwantshisitswe ka boitshwaro jwa tumediso, go supa go fetoga ga motho-nosi go nna motho o o botsalano yo eleng karolo ya morafe le setho se se ikaegileng ka se sengwe. Moanô wa Sekanô sa Setšhaba sa rona se se ntšhwa, o o kwadilweng ka teme ya Basarwa ya batho ba /Xam, o kaya gore: batho ba mefutafuta ba a kopana kgotsa batho ba ba farologaneng ba a momagana.

Re tlhophile teme ya segologolo ya batho ba rona. Teme eno ga jaana e nyeletse ka ge go sena motho yo o tshelang yo a e buang jaaka teme ya mmaagwe. Seno se gatelela masisapelo a di-million tsa batho ba, goya le dingwaga ba nyeletseng le go khutla go nna teng jaaka batho, ka ntlha ya go tlhoka botho ga batho go ba bangwe.

Gape ware rona, ka borona, re ka se nne batho ba ba feletseng fa batho ba bangwe ba phimolwa mo lefatsheng ka gonne mongwe le mongwe wa rona ke karolwana ya bojotlhe jo bo feletseng. Ka go kwala mafoko ano mo Sekanông sa Setšhaba sa rona - !ke e: /xarra //ke – re dira maitlamo a go neela boleng go botshelo, go tlotla diteme le dingwao tsotlhe le go ema kgatlhanong le kgethololo ya bosemorafe, kgethololo ya bong, chauvinism le polao ya mogoso.

Ka jalo re ikana go tlotla maikarabelô a tsweletso-tshedi ya motho e re a rwesitseng – go tlotlomatsa ntlha ya gore naga eno e re e abetsweng mmogo e fitlhetswe fa ele lengwe la mafelo-tsalo a motho ka boene. Fano mo temeng ya segologolo sa rona, re bua le ditshika tsa ga jaana le ba ba santseng ba tla ka ga botlhokwa ja tshwaragano le kopano ya batho.

Ra re mo pelong ya mongwe le mongwe go dula tlhokego ya ka mo teng, botho jo bo botlhokwa jo bo pateletsang mongwe le mongwe, batho bangwe le bangwe, go kopana. Keletso eno le tiragatso e e thantseng di re dira se releng sona mme se re bolelela kwa rona jaaka batho ba Afrika Borwa re batlang goya teng.

Botaki ka mo gare ga jona bo tshwere ditshwantsho tsa lee, go supa tsalo e e sa kutleng jwa botshelo. Ke tsamao goya pele eno e e tshwanetseng go re isa kwa Ngwagakgolo wa Afrika le phenyo ya Tsosoloso ya Afrika. Ke lo kopa lotlhe ba ba thologetseng fano gompieno go tlampurela Sekanô sa Setšhaba seno jaaka sa gago, go se tshola jaaka selo sa gago sa tlwaelô, se se emetseng maitlhomo a setšhaba se se fenyang se se lemogang dikgwetlho tse di kwa pele mme se tshepa bokgoni jwa sona go fenya mathata.

Jaaka folaga ya rona e fofa ka boipelo mo tlhomeding ya yona, e tsosa maikutlo a a tseneletseng a boitshupo jwa setšhaba, Sekanô sa Setšhaba seno le sona se tshwanetse go dira jalo, se se kayang bokgoni jo bo tswileng diatla jwa batho ba rona mo dingwageng tse di ntseng di feta, mme se rotloetse setšhaba sa rona se se kopaneng mme se farologane go dira ka natla, go galalela ka phatsimo e e jaaka letsatsi.” ~ Thabo Mbeki

Translated by Nchema Rapoo