Go Kgwisa Mebutla

© Karoline Steenekamp

Bana ba tla anya mogo mmabone dibeke di ka nna nne, mme o tla ya a fokotsa tekano, le boleng ba maswi a gagwe fa ba simolola go ja dijo tse di tiileng. Ba ka kgwesiwa ka beke ya bone (week four).
Kwa dikgwebo tirelo tsa maemo aa kwa godimo (high-level commercial rabbitries), bana botlhe ba kgwisiwa ka beke ya bone ka gonne mmabone o tla bo a setse a imisitswe malatsi a ka nna mabedi morago ga tsalo ya bone. Go laolwa ke tsamaiso ya lenaneo la gago la go ditsadisa le tsela e o difepang ka yone, ga rotloediwe go dikgwisa mo nakong e khutshwane jaana.
O kaediwa go ditsadisa morago ga dibeke di ka nna pedi kgotsa tharo, le teng fa e le gore namagadi ya gago e itekanetse tota. Bana ba gagwe ba tla kgona go kgwisiwa ka beke ya borataro.
Nako eo ya dibeke tse pedi tsa tlaleletso, e thusa bana gore ba nne le nako e e lekaneng ya go ka ithuta mogo mmabone, gore ba tie mmoko, ba itshepe, mme ba itekanele sentle.
Leruo le le kgwisitsweng ka bonako, le phela ka maikutlo a dikgatelelo (stress), mme kgatelelo e tlisa manyaapelo (depression) mme seo ke engwe ya mabaka aa tlholang loso mo mebutleng. Bana ba ba nang le kgatelelo ba ka ballwa ke malwetse aa farologaneng (Buisa ka tsa Bophelo "Health").
Ga o simolola go kgwisa, tshwaya bong (sex) jwa bana botlhe ka koki-pen, mme ga go kgonagala o ka nna wa kgaoganya tse ditona (bucks) le tse dinamagadi (does).
O ka kgethata tse ditona le tse dinamagadi go tswa kwa ditlhopheng tse pedi kgotsa tse tharo mme o di lokele mo hoko ya go gola (growing pen) kgotsa colony pen go fitlhela di siamela kgethollo ya gore aa o tlile go e dirisetsa tsalo ya isago, thekiso kgotsa tlhabo.
Di bonnete ba gore o tshwaya bong ba yone ka manontlhotlho. Di-colony tsa bong tso pedi bo na le go thuthuntsa dintwa dintwa go feta tsa bong jo bo esi.
Ya monna e le esi mo gare ga setlhopha sa namagadi, e tla simolola go nna matlhagatlhaga ka thobalano fa e bona dikgwedi dile 4 tsa botshelo, mme o ka fitlhela o bona tatelano ya ditsalo tse dintsi tse di sa lebelelwang. (Lebelela setshwantsho ka ga Thobalano).

Translated by Ikalafeng Maedi