Go Fepa Dipodi tse di Lwalang

©Marinda Louw
Dipodi ga di a tlholelwa kgodiso ya mo hôkông. Di ithatela go tsamaya ka kgololosego, di tlhopha dimela tse di gaisang go ka ja, ka jalo go tswalelwa gantsi go isa kwa mathateng a boitekanelo, segolo thata mo dipoding tsa nama. Dipodi di tlwaela lefelo bonolo mme di na le kgotlelelo, fela di gatelelwa ke maikutlo ka bonako mme nako dingwe di ineela bonolo fa di lwala. Dipodi ke diphologolo tse di diswang mme di ila go dula di le nosi, ka jalo podi e e emeng ele nosi e tshwanetse go tlhatlhobiwa go bona gore bothata ke eng.
Podi e e sa kgoneng go tsholetsa tlhogo ya yona, e ka se kgone gape go ja dijo tse di tlileng mme ga e a tshwanela go ka pateletswa mašwi, dithoro kgotsa sefepi.
Fa podi e palelwa ke go ema, e nnise fatshe ka go rapalela le lebota mme o e dikolose gotswa letlhakoreng le lengwe goya go le lengwe go netefatsa tsamaô ya madi, le gore molemô ofe kgotsa ofe o phasalatswa mmele otlhe. Dieledi di botlhokwa. Ditsamaisamaatla tsa dieledi di tshwanetse go tlamelwa. Morui a ka neela melemô e e siameng, fela fa podi e latlhegelwa ke metsi, e tlile go swa. Fa podi e patlame, netefatsa fa metsi a nna mo setshoding se se seng boteng jaaka sekotlolo sa metsi a ntša.
Diphologolo tse di lwalang di tlhoka metsi, maatla le protein di le di ntsi go feta diphologolo tse di itekanetseng, fela di na le keletsô-dijo e e kwa tlasenyana. Rotloetsa keletsô-dijo ya yona ka dijo di se nene, ka go metsifatsa sefepi le ka go tlhakanya molasses kgotsa letswai go see dira tatso. Matlhare a matala a a foreshe a tlamela motswedi o o siameng wa di-vitamin. Phologolo e e lwalang e tshwanetse go nna le seelo se le potlana sa sefepi se se loileng makgetlho ale 5-6 ka letsatsi, mme e fepiwe ka go kgaogana le diphologolo tse dingwe go e letlelela go ja le go ikhutsa ntle le kgoreletso. Nako dingwe, diphologolo tse di lwalang di jela ka bonya le go tlhoka nako e ntsinyana ya go ja go feta diphologolo tse di itekanetseng. Bothata ka dipodi tsa segolwane tse di lwalang ke gore botshedinyana jwa mala bo nna jo bo sa lekalekaneng. Barui bangwe ba tlamela podi ka yoghurt e e senang tatso, e tlhakantswe le korong kgotsa e tsentswe tswina ka mamepe, go thusa go baakanya botshedinyana jwa mala.

Go Fepa Dipotsane tse di Lwalang

©Chris Daly
Go dipotsane tse di satswang go tsalwa, anyô ya ka gangwe ya colostrum (mašwi a ntlha gotswa go bommaatsona) e botlhokwa mo phalolong ya tsona. Fa di ka se e bone, di tlile go latlhegelwa ke metsi ka bonako mme di swe. Go boloka potsane, morui o tshwanetse go ka rebola seeledi ka sebopego sa colostrum gotswa go mmaayona kgotsa leemedi la colostrum, mme eseng setlaleletsi sa colostrum. Tatlhegelô-metsi ke bothata jo bo golo ka letshololo mo dipotsaneng, ka jalo rebola pusetsô-metsi ka molomo.
Emisa ka go fepa mašwi otlhe le leemedi la mašwi, mme o dirise mo boêmông jwa sona seelo se se lekanang sa dieledi tsa ditsamaisamaatla. Mo lobakeng lwa thuso-potlako, dira motswako wa setsamaisamaatla o o itiretsweng fa gae ka go bedisa litre ele nngwe ya metsi mme o a tswakanye le maswana ale 2 a syrup, ½ ya leswana la tee la letswai le ¼ ya leswana la tee la baking soda.
Ka kopo elatlhoko: Tshedimosetso ke ya go ithuta le go sedimosetsa fela, mme e seke ya tsewa jaaka kgakololô ya tsa itekanelo. Tshedimosetso ga e a kwalelwa go ka nna mo boêmông jwa kgakololô ya tsa itekanelo kgotsa kalafi e e rebotsweng ke ngaka ya gago ya diphologolo.

Translated by Nchema Rapoo