Garden Eels

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Garden eels

Tse dingwe mo lelapeng

Freckled, Spotted, Common, Red Sea,Taylor’s, Zebra

Leina la Maranyane

Heterocongridae

Semeto

E ka nna 70 cm.

Ponalo

Mmele wa yone o kare wa noga mme ga o na makwapa. Mogatlana wa mokwatla o boleele mme o elela le mogatla wa kwa bofelelong le mogatla wa kwa morago ka fa tlase. Phatlha ya di’gills e nnyenyane. Dipounama tsa yone di digolo Mmala ya tsone e ka farologana go tswa go bosetlha ka ditsubaba go ya go mebala e e lefitshwana. Tse dingwe di ka nna le mmala wa namune le bosweu.

Dikitsiso

Lelapa la Heterocongridae le na le mephato e ka nna 2 le dibopiwa dile 33 tse di farologaneng. Gantsi o tla e fitlhela mo mmung wa lewatle le tse dingwe. Di rata go kgobokana ka ditlhopha. Karolo e e kwa godimo ya mebele ya tsone e tlhagelela mo santeng mme di eme ekete ke dijalo. Leina la tsone le tswa mo mokgweng o. Di na le ditlhong thata. Eel engwe le engwe e phela mo mosimeng wa yone. Mmu wa mosima o tiisiwa ke glue e e ntshang mo mogatleng wa yone. E tsala ka go beela mae mo metsing gaufi le fa e nnang teng.

Dijo

E fepa ka plankton.

Anamiso

E ka bonwa kwa borwa-bophirima ba lewatle la Atlantic le Afrika Borwa.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Black garden eel - Heteroconger perissodon
Splendid garden eel - Gorgasia preclara
White-spotted garden eel - Gorgasia maculatus