Fusiliers

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Fusiliers

Leina la Maranyane

Caesionidae

Semeto

E ka nna 60 cm, fa bontsi bo ka nna 30 cm.

Ponalo

Mmele o kgolokwe oo tlhamaletseng, e na le sebopego sa ‘spindle’ mme o sesafetse kwa matlhakoreng (fusiform). Mogatla wa yone o bopegile jaaka foroko. Megatla e na le go nna le mela ya mebala e e farologaneng kgotsa ditsubaba mogo yone. Gantsi e bonwa ka mmala wa botala-selefera, ka mela ya mmala wa lephutshe le botala ba legodimo. Ka dinako dingwe e ka nna bontsho mo mogatleng.

Dikitsiso

Lelapa la Caesionidae le na le mephato e le 4 le dibopiwa di le 20 tse di farologaneng. Di sikana thata le di’snappers, mme tsone di tlwaetse seemo sa go fepa ka plankton ka motlhagare wa tsone o o kgonang go phuthollogela kwa pele. Di fepa mmogo ka ditlhopha tse ditona mo mafikeng a a nang le ditshimo tsa plankton. E namagadi e tsolola kgesti ya mae mme ya monna e nonofatse mae ao ka peo ya yone (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka plankton.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Neon fusilier - Pterocaesio tile
Blue and gold fusilier - Caesio caerulaureu
Twinstripe fusilier - Pterocaesio marri