Flutemouth

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Flutemouth/Cornetfish

Leina la Maranyane

Fistulariidae

Semeto

E ka nna 1,8 m, fa bontsi bo ka nna 70 cm

Ponalo

Mmele e moleele thata, wa sebopego sa matlhakore a mane a a lekalekaneng(square-shaped), ka bosesane mme e bopame kwa matlhakoreng. Nko ya yone o kare phaephe. Mogatla wa kwa morago o bonala ka foroko mme o na le filamente mo magareng. Mogatla wa mokwatla le wa kwa morago e batlile e tshwana mme e lebagane. Gantsi e bonwa ka mmala wa silifera ka mpa e tshetlhana.

Dikitsiso

Lelapa la Fistulariidae le na le mephato ole 1 le dibopiwa dile 4. Ke ditswerere tsa go tsoma. Di kgona go fetola mmala wa tsone go iphitlhela manaba a tsone. Gantsi di iphitlha ka methalo e e elelang kwa tlase ya borokwa le selefera. E namagadi e tsolola kgesti ya mae mme ya monna e nonofatse mae ao ka peo ya yone (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dinnye le di’crustaceans ka go di gopa (by sucking them in).

Anamiso E bonwa

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.