Flame Lily

© Graham Cooke

Leina

African Flame Lily

Leina La Se-Latin

Gloriosa superba

Thanololo

African Flame Lily ke setlhatshana se se pagamang, se na le matlhare a a tshutshumang ka dintlhana tse di pataganeng mme di tsopela mo ditlhatshaneng tse di mabapi, seno se dira gore se kgone go itshegetsa ka dimela tse dingwe. Semela seno se tlhoga go tswa mo segwereng se se ka fa tlase ga mmu, se se kgonang go falola setlha sa komelelo. Fela dikalana tse di nanabelang di a swa morago ga go ungwisa.

Dithunya di na le diphetale tse o kareng kgabo ya molelo ka manônô a modula a a phatlhaletseng. Diphetale di makhubunyana mo masitlhareng mme di kobegela kwa morago go bopa dithunya tse o kareng ke hôkô. Mebala ya dithunya e fapaane go tswa go botala jo bo serolwananyana go ya go bohibidu jo bo sedifetseng ka masitlhare a a serolwana. Flame Lily e gola go fitlha kwa boleeng jwa 1m.

Tulo

Flame Lily e petlêka fa godimo ga matlapa kgotsa ditlhatshana tse di fa tlase mme e rata dikgwa tsa tlhaga le fa ditlhatshana di kitlaneng teng. E mela kwa bokone le botlhaba jwa Afrika Borwa go tsenelela ka Zimbabwe le Afrika botlhaba.

Dintlha Tlhagiso

Flame Lily ke sethunya sa bosetšhaba sa Zimbabwe mme sebaga sa taemane se se bopegileng jaaka Flame Lily sene sa abelwa morwadiakgosi (Kgosigadi ga jaana) Elizabeth fa a ne a etetse kwa Rhodesia ka 1947.
Flame Lily e kaiwa fa e le motshologêledi o o kotsi kwa karolong dingwe tsa Australia kwa e anamang ka bontsi. Semela seno sena le botlhole mme se baka maso a mantsi a diruiwa.