Electric Ray

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Electric ray

Tse dingwe tsa lelapa la tsone

Torpedo rays

Leina la Maranyane

Torpedinidae

Semeto

E ka nna 1 m.

Ponalo

E bophaphati ka mmele wa sebopego sa kgolokwe, ka matlhakore a bokima. Mogatla wa yone o banala thata. E na le megatla ya mokwatla e mebedi e e sa lekalekaneng. Mmala wa tsone o farologana go tswa go borkwa, bosetlhana, marbole, le beige.

Dikitsiso

Lelapa la Torpedinidae le na le mephato e le 2 ka dibopiwa di le 14 tse di farologaneng. Di na le di’electroplaques tse di tlhamang serwe sa motlakase. Motlakase o somarelwa mo dinameng tsa yone jaaka lelatlha la motlhakase (battery). Serwe sa motlakase se na se sebopego sa philo (kidney-shaped) mme se mo letlhakoreng la tlhogo. E ka ntsha matla a 220V. E lalla setlhabelo sa yone e be e se idibatsa ka motlhakase.
Ga di matlhagatlhaga thata. Ka tsalo di ‘Ovoviviparous’ se se raya gore mae a tsone a tsholwa mo mmele go fitlhela di tsala bana. Bana ba yone ba tsalwa ba setse ba godile mme ba felletse go tswa mo maeng.

Dijo

E fepa ka ditlhapi le di’invertebrates.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Black-spotted torpedo ray - Torpedo fuscomaculata
Atlantic torpedo ray - Torpedo nobiliana
Marbled electric ray - Torpedo sinuspersici