Ditshoswane le Mealybugs tsa Merara

© Prof Piet Goussard Winetech
Disenyi tseno di sekasekwa mmogo, ka ge ditshoswane le di mealybugs tsa morara gantsi di tsalana. Mealybugs tsa merara di ka feteletswa ke ditshoswane mme go bonagala ga ditshoswane e ka nna sesupo sa tshelano ya mealybug ka ge tswina e di e ntshang e le motswedi wa dijo o mogolo wa ditshoswane. Mealybug wa tshegadi o ntsha ditlhale tsa mafura a a gatsetseng tse di bopang ovisac. Mo setlheng sa seboko, seboko se tsamaya go tswa mo letlhareng go ya mo dingataneng tsa terebe.
Mouta o o mosidi o montsho o tlhoga mo tswineng e e ntshwang ke mealybug mme go tswa mmala go go ntsho go ka bonwa mo merareng e e tshwaetsegileng. Mealybug ya merara gape e anamisa bolwetse jwa leafroll.

©Prof Piet Goussard Winetech
Lebaka le le golo la taolo ka jalo e tshwanetse go nna go thibela mealybugs go tshwaetsa kokoano ya diterebe kgotsa go anamela kwa merareng e mengwe, fela taolô ya ditshoswane ke kgato ya ntlha mo go laoleng mealybug. Polasetiki e e beilweng fa godimo ga berm (tselana ya mmu e e fa tlase ga mola wa morara) ka nako dingwe e ka fa tikologo e ntle ya go dira sentlhaga sa ditshoswane. Fa palo e e kwa godimo ya ditshoswane e ka bonwa e tsamaya ka fa tlase ga polasetiki, polasetiki e tshwanetse go ntshwa ka bonako jo bo kgonegang. Mefero e e golelang kwa godimo e ka fana ka ditsela tse dingwe tsa gore ditshoswane di tsene mo merareng mme e tshwanetswe go efogwa segolo-bogolo ka setlha sa go medisa.
Tiriso ya thulaganyo ya dijalô-khurumetsa e ka thusa go laola mefero, fa gape e na le dipoelo mo babeng ba tlhago ba mealybug ya morara. Baba ba tlhago ba mealybug ya morara gantsi ke seboko sa ntsi ya moretologa (se ja mealybug) le mefu ya sona e e tlhaselang ditshegadi tse di godileng. Tebelelo ya mealybug tsa morara e akaretsa tiriso ya dirai tsa pheromone go tshwara tsa tona.

©Prof Piet Goussard Winetech
Merara e e tshwaetsegileng e a tshwaiwa ka setlha sa mediso gore e tle e alafiwe ka dikhemikhale tse di maleba ka mariga, pele e thunya. Go botlhokwa gore merara e e bapileng le e e tshwaetsegileng e alafiwe le yona. Go kolobetswa go go tseneletseng ga merara go botlhokwa ka gonne ka mariga mealybugs e iphitlha ka fa tlase ga lekwati le le omeletseng le mo meding. Mo lobakeng lwa tshwaetsegô e e masisi ya mealybug, sebolaya-ditshidinyana se se tshelwang mo mmung se ka diriswa. Baya dikganedi-ditshenekegi tse di kgomarelang kgotsa sekganedi se se tshetsweng sebolayadisenyi sa khemikhale go dikologa kutu le megala ya trellising go laola ditshoswane.

Translated By Nchema Rapoo