Ditlhodi tsa Bokoa mo Dikolobeng

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA
Mokgatlo wa Bantshakuno ba Nama ya Kolobe wa Aforika Borwa (SAPPO) mo go bukana ya one ya Pigs for Profit, e tlhaola dilo tse di latelang jaaka bokoa le go swa ditokololo mo dikolobeng.

Tse di Robegileng Marapo

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA
Dikolobe di ka robega marapo mo ngwageng o mongwe le o mongwe, ka ntlha ya kgobalo mathata a marapo. Kolobe e e robegileng lerapo, ga e ka ke ya nna le bokete bope mo seatleng se se kgaogileng seatla, seatla se ka bo se sa kgone go tloga mo mo mmung, kolobe e ka bo e sa emelele, seatla se ka nna se golafetse kgotsa se rurugile kgotsa se dira modumo wa tshilo ge se tsamaya.
Marapo a robegileng le dikgobalo di ka tilwa ka go tshwarwa sentle, di se na go relela, go lekalekane, go omile, bodilo mme e seng ka go tlala thata. SAPPO e tshisinya gore dikolobe tsa marapo a robegileng di bolawe ka bonako jo bo kgonegang go thibela go onala go go feteletseng mo boitekanelo jwa diphologolo le go fokotsa go sotlega ga diphologolo.

Dikgobalo tsa Mokokotlo le Dikaku

Dikgobalo tsa mokokotlo kgotsa dikaku di ka nna ka ntlha ya dikgobalo tse di tlhodilweng ke petso e e bokete ka mo morago mo mokokotlong, phologolo ge e relela le go dikologa kgotsa kolobe ya poo e nna bokete thata go feta ya tshadi. Ditshwaetso, ka ntlha ya go loma mogatla sekao, e ka feleletsa ka dikaku mo mokokotlong. Maemo ano a tla feleletsa mo kolobe e ka nna mo maemong go ka direga e setseng e ntse mo maemong a jaaka ntšwa le go goga maoto a yona a kwa morago go tsamaya kgotsa go tswelela mo maemong a go rapama fela.
Jaaka marapa a a robegileng, e ka thibelwa ka go tshwarwa sentle, go se nne boreledi, go lekalekana, bodilo jo bo omileng, le e seng go tlala thata. Tlhokomelo e tshwanetse go tsewa go se dirise dipoo tse bogolo segolo mo ditshading le go thibela go loma mogatla, mme gantsi e bapiswa le go tlala thata, go sa nne le sebaka se se lekaneng sa go jela le maemo a ka godimo a bolwetse. Ditshadi tse di gobetseng, go ka fola le tse tsotlhe, mme dikgobalo tse di masisi tsa mokokotlo le dikaku di k abo di sa tsibogele kalafi.

Mathata a Marapo

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA
Marapo ao a nnang bonolo kgotsa a nne masisi a tlholwa ke boleng jo bo bokoa ba furu eo e sa nayeng dikolobe kalsiamo e e sa lekanang kgotsa fosoforo. Matshwao a go tlhoka dikotla e ka bo a setse a bonwa mo tshimologong ya modiko wa ntshokuno jaaka kgolo ya lerapo e e sa tlwaelegang mo tlhokomelo kgotsa mo dikolobeng tseo di golang. Fa ditlhoko tse di diragalang gangwe le gape kgotsa tse di bonwang mo go konosetseng paka di ka tlhola marapo e e bokoa e e ka feletsang mo go tlhabiweng k apele ga dikolobe tse di amegang. Dikolobe tse di amegang ka tswa di tlhotsa, di bolawa ke marapo a a robegileng kgotsa di sa kgone go emelela.
Go tila bothata bo, balemirui ba tshwanetse go neela dikolobe dijo tse di nang le dikotla tse lekalekaneng mo sedikong sa go uma kumo. Balemirui ba tshwanetse go ela tlhoko kutlwalo ya metsi a a kwa godimo a a feteletseng bopopota kgotsa meloiso ya tshipi kgotsa ditshipi tse di bokete mo metsing jaaka tseno di ka kgaoganya monyelo wa go goga diminerale, se se ka isang kwa tlhagelelong ya dintho tsa maoto. Motswedi wa koketso ya kalsiamo le fosoforo o ka neelwa dikolobe tse di tshwareng ke tlhaelo ya dikotla, fela dikolobe tse di sa kgone go tsamaya kgotsa di le mo ditlhabi tse di bonalang di tshwanetse go bolawa.

Bolwetsi jwa Malokololo

©Glenneis Kriel
Bolwetsi jwa malokololo e ka tlholwa ke maemo a a tshelanang, dikolobe tse di nonneng le dikolobe tse di golang ka bonako go feta. Dikolobe tse di amegang di ka nna tsa tlhotsa, di sa batle go emelela kgotsa kgotsa di na le letsogo/leoto le le lengwe kgotsa a mantsi a a rurugileng e bile go le bothitho fa o di tshwara mo teng.
Maele a go thibela malokololo, a akaretsa go diragatsa bophepa bo bo siameng, bolaya ditwatsi mo bogareng jwa dikolojwana tsa baša morago ga pelego le go laola dijo tse di jewang le go tswadisa diphologolo tse di popota. Pigs for Profit e gakolola balemirui go bua le dingaka tsa bona tsa diphologolo ka kalafi, ka ge malokololo a ka tsiboga sentle go dithibelatwatsi. Tshenyo mo malokololong, le gale, e ka nna masisi thata gore tsela e e molemo ya go samagana le bothata e ka nna go tlhaba kolobe.

Go nna le Botlhole

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA
Phetotekanyetso letswai, dimela tse dingwe, dimenerala, dibolayasenyi le dibolayamefero di ka tlhola go swa mfama seo ka dinako tse dingwe e patiwa ke letshololo le go tlhatsa. Balemirui ba tshwanetse go thibela seno ka go tshola diphologolo kgakala le dilo tse di nang le botlhole, go fokotsa go ja letswai le go je swili.

Go nna Bodilo

Bukana ya MSD ya Leruo mo go Overview of lameness e supa mofuta wa bodilo jaaka ntlhakgolo ya bokoa, le mefuta yotlhe ya bodilo ya go nna le “bokoa bo bo amanang le tsona.” Leswe le mafulo, sekao, e ka nna e e omileng thata kgotsa e kolobile thata, go isa mathata a maoto le tshwaetso, mme malao e ka nna motswedi wa ditwatsi tse di tlholang malokololo, jaaka Erysipelothrix rhusiopathia.
Maemo a bodilo le ona a ka ama bokoa fa e le a boreledi, a le kolobile kgotsa go na le diphatlha, diphatlha le le maagale a bogale le a ka tlholang dikgobalo.

Translated by Lawrence Ndou