Ditlhagiswa tsa Mašwi a Podi

© Jon Sullivan

Mašwi a podi a dikotla thata, a na le bo-protein jo bo tshwanang le jwa mašwi a letswele mme a nwega bonolo go feta mašwi a kgomo. Mo mašwing a kgomo, casein ke bontlhana jo bo golo jwa protein, fela mo mašwing a podi seelo sa yona se kwa tlasenyana. Setswakwa senô se ka baka pipêlô mo bathong ka ntlha ya go bopega ga themisane mo maleng. Mašwi a podi a na le dikgwelenyana tse nnye tsa mafura le dikgokagano tse khutshwane le tse di mo bogareng tsa diesiti tse di mafura go feta mašwi a kgomo. Seno se tokafatsa go nwega ga mašwi a podi.
Mo godimo ga fao, mašwi a podi a na le di-vitamin A, E, B1 (50% go feta mašwi a kgomo), B2 le C, mmogo le diminerale tse di jaaka potassium, calcium, magnesium, phosphorus, iron, copper le zinc.

Tikotsadiso ya Dipodi tsa Mašwi

Fa dipodi di tlhokomelwa sentle, tsalô ya potsane ya ntlha e ka diragala mo dikgweding di le 12. Halofo ya dipodi e tla tsala mafatlha ka motsi wa tsalô ya potsane ya ntlha mme e tla tsala mafatlha kwa tsalông tse di latelang. Lactation (tlhagiso ya mašwi) morago ga tsalô gantsi e tsaya sebaka se se ka nnang sa dikgwedi di le lesome. Ga e tsaya sebaka se se fetang seo, dipodi di tla tshwanela ke go ka gamolwa ka bomo.
Kwa dikgaolong tsa tshologo ya dipula ka selemo, dipotsane tse di tsetsweng go sale gale ka selemo gantsi di dira sentle go na le tse di tsetsweng moragonyana. Ke kakanyô e ntle go phatlhalatsa paka ya tsadiso go netefatsa tswelopele ya tlhagiso ya mašwi.
Rulaganya tsalô (tlhagiso ya mašwi e e kwa setlhoeng) gore e phatlhalale goya dikgweding di le mmalwa go netefatsa fa mašwi a a fetang tekanô e se kitla e nna bothata.

Mmaraka wa Mašwi a Podi

Montshetsa-ntle o mo golo mo lefatsheng wa cheese ya mašwi a podi ke Germany, fela motlhagisi o o eteletseng pele mo lefatsheng wa mašwi a podi ke India. Moreki yo o eteletseng pele mo lefatsheng wa cheese ya mašwi a podi ke Italy.
Mašwi a podi a ka rekiswa ale foreshe, a tsidifaditswe kgotsa jaaka mašwi a a omisitsweng (a lorole). A ka rekisetswa batho ka bongwe ka bongwe kgotsa a rekisetswa madirelo. Mašwi a dipodi a ka dirwa kefir (nnô ya mašwi a a bedisitsweng), cheese, yoghurt, fudge, ice cream kgotsa kontase. Mašwi a podi a a rekiswang ale foreshe kgotsa a gatseditswe a tshwanetse go ka lokelwa mo ditshoding tse di tswaletsweng (gantsi mo mabotlolong a polasetiki kgotsa a galase kgotsa mo dikgetsaneng). Mašwi a podi a gatselega sentle, boleng jwa ona ga bo anngwe ke mogatsela. Mašwi a a foreshe a a rekiswang ka tlhamalalô go bareki a tlile go bona tlhwatlhwa e e botoka go na le a a rekisetswang madirelo a cheese.
Cheese e ka dirwa gotswa mo mašwing a podi ka boôna kgotsa gotswa mo mašwing a podi a a tswakantsweng le mefuta e mengwe ya mašwi. Setlhagiswa sa kwa bofelong se tshwanetse go phuthelwa ka go kgatlhisa, se nne sa boleng jo bo tsepameng, se nne teng ka metlha mme le tlhwatlhwa ya sona e nne e e siameng. Ditlhagiswa tsa mašwi a podi tse di dirwang kwa India di akaretsa chhana (sethemi sa cheese se se boleta se se sa obolwang), khoa (e e tshwanang le cheese ya ricotta), le paneer (cheese e e sa gakologeng.) Cajeta kwa Mexico le gjetost kwa Norway ke ditlhagiswa tsa semonamone tse di tumileng tse di dirilweng gotswa mo mašwing a podi. Mašwi a podi a na le esiti ya lactic e e leng exfoliator ya tlhagô le pH e e tshwanang thata le ya letlalo la motho, a siametse go diriswa mo ditlôlông tsa mmele. Ditlhagiswa tsa go tlôla tse di dirilweng gotswa mo mašwing a podi di siametse go ka diriswa mo matlalong a a boleta le malwetse a letlalo a a jaaka eczema, psoriasis, rosacea, acne le shingles. Ditlhagiswa tsa mašwi a podi (tse gantsi di tswakanngwang le dioli tsa tlhagô le mafura a dinotshi) di akaretsa sesepa sa mašwi a podi, ditshasa-pounama, matswai a go tlhapa, ditlhatswi le ditlôlô tsa mmele, tse di tlhagiswang kwa dinageng di le di ntsi tse di akaretsang Afrika Borwa.

Translated by Nchema Rapoo