Ditlamelo tsa Phepô tse di Tlhokwang ke Dikgomo tsa Mašwi

©Rykie Visser Agrinet /Gibson Supplies
Fa o batla go reka dikgomo tsa mašwi go simolola polase ya tsa mašwi, ditlamelo dingwe tsa motheo di tshwanetse go nna teng pele o ka gorosa dikgomo mo polaseng e ntšhwa. Go aga ditlamelo fa dikgomo di santse di itlwaetsa polase e ntšhwa go ka bakela dikgomo kgatelelô-maikutlo le go feretlha ntshô ya tsona ya mašwi.
Dikgomo tse di mo ntshông-mašwi di tlhoka lefelo le di ka jelang le go gamelwa teng bonnye gabedi ka letsatsi, le lefelo le di tla patlamang le go ikhutsetsa mo go lona. Ditlamelo tsa kagô tsa dikgomo tse di omileng, dinamane le meroba ya dingwaga tse di farologaneng le tsona di a tlhokagala. Ditlamelo tse di tlhokegang di ikaega ka thulaganyo ya phepô e e diriswang.

Thulaganyo e e Ikaegileng ka Mafulo ya Dikgomo tsa Mašwi

©Louise Brodie
Mo thulaganyong e e ikaegileng ka mafulo, karolo ya lefatshe la phulô e a tlhokagala. Bogolo jwa mafulo bo tshwanetse go nna bonnye hekethara ele nngwe go dikgomo dingwe le dingwe tse di mo ntshông-mašwi di le tharo, ka karolo ya phulô ya tlaleletso ya dikgomo tse di omileng le meroba.
Thulaganyo e e ikaegileng ka mafulo e tlhoka gape bobolokelo jwa didiriswa tsa nosetsô tse di nosetsang mafulo. Seno se tlhokwa gore se tlaleletse tshologo ya tlhagô ya pula, e e ka se nneng ka tolamo ka ntlha ya dikomelelô tsa setlha le tsa paka-telele. Pompo le dipeipi tsa nosetsô goya kwa motsweding wa metsi wa mafulo di a tlhokagala. Megopo ya metsi gore dikgomo di nwe le yona e tshwanetse go ka tlamelwa mo mafulong. Seno e ka nna mogopo wa leruri kgotsa o o ka tsamaiswang.

Thulaganyo e e Senang Phulô ya Dikgomo tsa Mašwi

©Marinda Louw
Thulaganyo e nngwe ke thulaganyo e e senang phulô. Dikgomo di fepwa total mixed ration (TMR) gabedi ka letsatsi. TMR ke mokgwa wa go fepa dikgomo o o kopanyang furu, dithoro, difepi tsa protein, diminerale, di-vitamin le ditlaleletsi tsa phepô go dira motswako wa sefepi ole mongwe. Diphologolo di kgaoganngwa ka ditlhopha le go fepwa goya ka magato a tsona a tlhagiso. Sekai, molemirui wa dikgomo tsa mašwi o tla nna le masaka a a bulegileng a a kgaoganeng a dikgomo tse di mo ntshông-mašwi, dikgomo tse di omileng, meroba ya dingwaga tse di farologaneng le a dinamane.
Lesaka lengwe le lengwe le tshwanetse go nna le mogopo wa sefepi le wa metsi ya bogolo jo bo totaneng le kgomo, mme megopo ya dinamane e nne mennye kgotsa tshesane. Mealô ya lesaka e ka nna ya mmu kgotsa ya konkereiti. Masaka a moalô wa mmu a tlhoka sebaka se se golo se se ka nnang 50 goya go 100 m² go kgomo, go ya ka bontsi le phethene ya tshologo ya pula.
Go tokafatsa kelometsi, boalô jwa lesaka bo tshwanetse go kgokologa gotswa fa mogopong wa sefepi. Fa go se jalo, kgatako go dikologa mogopo wa phepô e ka baka seretse se se boteng le maêmô a a tlhokang itekanelo. Khiba ya konkereiti ya bonnye bophara jwa 2-3m go ikala le mogopo wa sefepi, e ka thibela lefelo go ka nna metsi le dithetse.

Translated by Nchema Rapoo