Diterebe tsa Mofeine di Butswa Leng?

© Louise Brodie
Go sweetsa ka ga go butswa ga diterebe tsa mofeine, meretlwa le dingatana tsa terebe nngwe le nngwe di a tlhatlhobiwa go supa ditshupo tse di latelang tsa go butswa:
Seêlô sa sukiri
Boesiti
Mmala
Tatsô
pH
Fa meretlwa le dingatana di kgetlwa gore di dirwe diteko, tlhokomelo e tshwanetse go dirwa gore go se kgetlwe gotswa fela mo karolong ele nngwe ya tshimo ka ge karolo eno ya tshimo e ka tswa e se kemedi ya tshimo yotlhe. Kgetla gotswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa tshimo ya morara, gotswa kwa matlhakoreng le mo meleng e e ka fa gare, mmogo le gotswa dikarolong tse di ‘letsatsi’ le tse di ‘moriti’ tsa merara.
Dingatana tse di kgetlelwang diteko gantsi di tsewa fela fa morago ga go tlhagelela ga mmala mo dingataneng, fa meretlwa e simolola go nna boleta, mme beke le beke, morago e nne tsatsi lengwe le lengwe la bobedi go fitlhelela ka nako ya kotulo.
Disampole tseno di iswa kwa laboratoreng. Teng, meretlwa e a tšhwetlwa, e tswakanywe mme dielo tsa sukiri, boesiti le pH di a metwa. Seno se gatiswa goya ka letlha, nomore ya tshimo kgotsa ya karolwana ya tshimo le sejadi sa sampole nngwe le nngwe. Koketsego ya go butswa e ka rulaganngwa, mme letlha le le kgonagalang la kotulo le ka bonelwapele goya ka dipholô.

Go dira Disampole tsa Meretlwa ya Terebe

Meretlwa ele mebedi kgotsa ele meraro e kgetlwa gotswa kwa tlase, mo gare le kwa godimo ga ngatana, ntle le go tlhopha meretlwa e e rileng kgotsa go leba ngatana. Go botlhokwa go kgetla meretlwa gotswa mo bogareng le kwa matlhakoreng a morara mmogo le gotswa mo matlhakoreng ka bobedi a mela. Ka tsela eno, sampole e ka nna leemedi le le siameng la tshimo yotlhe.

Go dira Sampole ya Dingatana tsa Terebe

Kgetla dingatana tse di feletseng mo bogareng le mo matlhakoreng a morara, gotswa mo dikarolong tse di kwa godimo le tse di kwa tlase tsa morara, mmogo le matlhakore ka bobedi a mola. Jaaka mo go sampoleng meretlwa, o seka wa tlhopha dingatana. Tsenya dingatana tsotlhe mo kgamelong mme o tswelele go kgetla go fitlha sampole ya leemedi la tshimo yotlhe e kgetlwa.

Translated by Nchema Rapoo