Dimela tsa Richtersveld

Semaka sa Tikologo

©Roger DelaHarpe
Richtersveld ke semaka sa tikologo se se tlhotlhetsang tlhaloganyo, mme dimela tsa yona tse di sa tlwaelegang di ngoka basupa-dihupametsi gotswa lefatshe ka bophara. Fa ke ne ke le kwa kgaolong, ke kgatlhane le baitseanape ba dimela ba bo setlabosešweng gotswa Germany ba ba rulagantseng loeto lwa bona dingwagangwaga. Kgabagare, ba ne ba ipaakanyeditse loeto lwa bona ka botlalo mme ba ne ba sa kgone go fitlha boitumelo jwa bona.
Mme ke na le bonnete jwa gore ba ne ba sa swaba. Kwa Richtersveld, mefuta ya dimela tsa malomo ele 360 e badilwe, mo kgaolong ya bogolo jwa 1 square kilometre. Lolapa lwa memsemb, kgotsa vygie, le tota le le teng ka bontsi, ka ditlhopha di le 50 gotswa go di le 160 tse di leng teng mo kgaolong. Ke selo se se ntle go sekaka se se nang fela le tshologo ya pula ya 68mm ka ngwaga.

Tshedisano ya Ditshedi e e senang Kutlwanô

©Roger de la Harpe
Lengwe la mabaka a tshedisano eno ya ditshedi e e senang kutlwanô ke gore Richtersveld e itlhomile mo lefelong-phetogo le le mo bogareng jwa lefelo la tshologo ya dipula tsa mariga la Namaqualand le la tshologo ya dipula tsa selemo la Nama-Karoo. Ko mafelong mangwe lefolo-phetogo leno le bophara fela jwa 10 kgotsa 20 km, mme seno se baka go kopakopana go go itumedisang ga mefutafuta ya dimela.
Mo godimo ga fao, go na le mefuta e megolo ele meraro ya ditlhopha tsa dimela kwa Richtersveld: setlhopha se se bontsi sa Succulent Karoo, setlhotshwana sa ‘Sekaka’ (kwa bokone le botlhaba) le matoditodi a a itlhaotseng a setlhopha sa Fynbos (kwa mekgokolosong e e kwa godimo ya thaba). Gape go matshwanedi go lemoga fa metseletsele ya dithaba, tse di nang le go ya ntlheng ya bokone-borwa, e thibela malmokkies le maru a pula go ka fitlhelela mo nageng-gare. Ka jalo, mekgokolosa e e lebileng ntlheng ya lewatle e bona komotiso e ntsi, fa mekgokolosa e e lebileng ntlheng ya naga-gare (segolo thata kwa karolong e e kwa botlhaba) e omeletse thata mme e na le ditshedi tse gantsi di amanngwang le Nama-Karoo (jaaka euphorbias).

Tlholego

©David Fleminger
Maêmô otlhe ano a baka mokoa wa maêmô a bosa a a potlana ka mo Richtersveld, mme kgophu kgotsa mmotwana mongwe le mongwe o na le pula, phefo, mmu, mogote le tsenelelô-serame tse di o totileng. Madulo ano a a itlhaotseng a rotloetsa ‘tlholego’ - tsamaiso ya tlhabologo e mo go yona setshedi se tlwaelang maêmô a tikologo ya sona go fitlha se latlha ka gotlhelele setswano sa setshedi se se tswang mo go sona. Kwa Richtersveld, dingwe tsa dimela tse di fitlhelwang fela kwa teng di tlwaetse maêmô a tikologo e di leng mo go yona mo go fetisang, mme di fitlhelwa fela mo kgophung ele nngwe fela, kgotsa mo lefelong le le ‘sesane’.
Se se salang, go sa kgathaletsege gore di di kgolo kgotsa di di nnye jang, modi wa dimela tsotlhe kwa Richtersveld ke phalolô. Jaaka go tlhalositswe fa godimo, bontsi jwa dimela bo hupa metsi, mo matlhareng, dikutung kgotsa mo dirweng tse di ka fa tlase ga mmu, fela botlhale jwa ditshidi tse di maekaelelô tseno bo feta seo. Dimela tse dingwe ke tse di melelang gotlhelele ka fa tlase ga mmu, ka dikarolwana fela di le mmalwa tse potlana tse di tswelang kwa ntle ga motlhaba.
Tse dingwe di mela ka bophaphathi mo godimo ga mmu go tila phefo, ka matlhare a a sephara a a tshwarang metsi gotswa mo mmung. Tse dingwe di tlhoga meritshana kgotsa mebitlwa go tshwara marothodi a monyô. Tse dingwe di kgona go tswala masobana a tsona go tila mowafalo. Di le mmalwa di psammophorous, se se rayang gore di tswa sengwe se se kgomarelang se se tshwarang le go boloka moalo wa motlhaba mo bodilông jwa tsona, gore di itshireletse kgatlhanong le dithungthung.

Maanô a Phalolô

©Shem Compion
Le fa dimela ka bontsi kwa Richtersveld ele metalafalelaruri (selo se se sa tlwaelegang mo sekakeng sa dipula tsa mariga) go na le di le mmalwa tse di tlhotlhorang matlhare a tsona ka selemo go fokotsa tatlhegelo ya metsi. Tse dingwe di faposa marang a letsatsi ka makwapa a mannye, kgotsa ka go tlhogisa makwati a a mafura, kgotsa ka go tshola matlhare a kgale. Tse dingwe di ntse tse di nnye go fokotsa ditlhokego tsa tsona. Tse dingwe di mela fela mo dikhutlwaneng le mo diphatlhaneng tsa majwe, di itunna mo meriting e e fodileng. Ka mantswe a mangwe, dimela tsa Richtersveld di phela di le matlhajana mo maanông a tsona a go falola.
Ka kakaretso, Richtersveld go begwa fa e na le dimela tsa dihupametsi di le 4849, 40% ya tsona ga e bonwe gope gape. Bontsi jwa dimela tseno di na gape le ditiriso tse di rileng mme di diriswa ke batho ba selegae. Mefuta ele 70 e dirisetswa dijo (kgotsa veldkos - dijo tsa naga), 40 e na le ditiriso tsa phekolo mme 54 e na le ditiriso tse dingwe, jaaka go dira kgole, go dira sesepa le dikgong. Go na gape le dimela di le mmalwa tse di hemiwang, tse nako dingwe di diriswang mo mabakeng a tsa sedumedi. Fela o seke wa tsamayatsamaya o gora dihupametsi - bontsi jwa tsona di botlhole!
Go tlaleletsa dimela tsotlhe tse di gakgamatsang le go nna sewelo tse di tlhobaetsang ditoro tsa baitseanape ba dimela, Richtersveld e iponagaditse gape ka mokoa wa dimela tse di tlwaelegileng thata tse di fetogileng bagaka ba kgaolo.

Translated by Nchema Rapoo