Dikgang tsa Bonkoko ka ga Nyalo Mo Ngwaông ya SeXhosa.

Goldie Qayiya le Felicia Mfamana ba arogana ka ga maitemogêlô a bona a maeto a bona a a farologaneng a le lenyalo; Goldie o ne a nna le lenyalo le le rulagantsweng mme Felicia o ne a thopwa ke monna yo a neng a tlile go mo nyala, mekgwa-tiriso ka bobedi ke ngwaô ya setso sa seXhosa.

Goldie Qayiya

©Eric Miller
Monna yo a neng a tlile go nnyala, Otto, o goletse mo motseng o le mongwe le nna fela re ne re sa itsane mo bongwaneng. Ke kopane le ênê lantlha fa ke ne ke bowa gotswa kwa sekolo-katisong sa borutabana ka mangwe a malatsi a boikhutso.

Ke fa ke tswa kwa mabenkeleng fa a ne a nkgoeletsa, ‘Tlaya kwano’, ka tsela e e botsalano mme a mpotsa gore ke dula kae. Labobedi fa ke mmona e ne e le kwa moletlong wa rona wa pêôletlhôkwa.

Otto o ne a nkwaletse lekwalo la kopa-nyalo. Go ne go le botllhokwa mo go ênê gore le nna ke batla gore re nyalane. Lekwalo la gagwe le ne le re fa ke fana ka tetla, o tlile go kopa rraagwe gore a bue le rraaka.

Fela ke ne ke le kwa sekolo-katisong fa lekwalo le fitlha mme batsadi ba me ba ne ba le bula. Ba ne ba se botse ka ga maikutlô a me. E ne e le ngwaga wa me wa ntlha kwa sekolo-katisong. Nako e e latelang fa ke fitlha gae ka malatsi a boikhutso, rre o ne are go nna, ‘Goldie, o tlile go nyalwa.’

Lenyalo La Thulaganyo

Lenyalo le ne la tshwarwa dingwaga di le pedi morago ga fao, ka malatsi a boikhutso a Sedimonthole. Otto o duetse magadi a dikgomo di le lesome le pitse mme mo kgweding re ne ra nyalana. Ke ne ke tshwenyegile thata. Ke ne ke sa batla go nyalwa le eseng.

Re nyalane kwa kerekeng ya Anglican, mme ra ya kwa ntlong ya ga Otto kwa botlhe ba neng ba letile teng kwa ntle, ba duduetsa. Re ntse nako re dumedisa batho botlhe le go ba tshwara ka letsogo, mme ra tsena ka fa gare go ja dijo tsa maitseboa.

Morago ga go ja, rotlhe re ne ra ya kwa ntlo-lehalahala ya mo motseng go bina, mo bosigo-gareng re ne ra ja dijo tse di setseng, tse basadi ba di tlisitseng kwa ntlo-lehalahaleng. Mme re ne ra bina bosigo jotlhe re binela mmino o o molotsana o o monate wa kwela ya ga Spokes Mashiyane, mogaka wa phala ya penny wa moAfrika, re itumelela tshimologô ya botshelo jo re tlileng go bo arogana mmogo.

Felicia Mfamana

©Eric Miller
Mogadibo wa me, yo a neng a dula le lolapa lwa me mme ke mo tshepa, o rulagantse seno sotlhe. O ntsieditse go pagama bese le motho yo ke sa mo itseng. Monna wa teng o ne a bopegile sentle mme a na le sefatlhego se sentle. Go ne go sena selabe sepe ka ga ênê. Le fa gole jalo ke ne ke tshogile. ‘Go diragala eng? O nkisa kae?’ ke ne ka botsa.

Sefatlhego sa gagwe se se kgatlhisang sa mmala wa kofi se ne sa hutsafala. ‘Ke go isa gae go nna mosadi wa me’, o ne a bua. ‘Ke kgale ke batla seno mme ga jaana, morago ga sebaka, se a diragala.’

‘Fela ga ke batle go tsamaya le wena’ ke ne ka bua. ‘Ka kopo, emisa bese mme o ntetlelele go fologa.’ Mo letshogong la me le le oketsegang ke ne ka simolola go lela. Ke ne ke sa kgone go ka itshokela go sia rre ka tsela e. E ne e le monna wa kereke. ‘Ke kopa o tlhaloganye’, monna yo o tlileng go nnyala o ne bua. ‘Ke tota ke batla gore o nne mosadi wa me mme nka se eme gape sebaka se se telele. Gopola, ka ngwao ya rona ke letleletswe go dira seno.’

Lolapa Lo Lo ša Lwa Ga Felicia

©Eric Miller
Bese e re isitse kwa lolapeng lwa gagwe kwa go neng go na le dintlo di le nne mo lapeng. E nngwe e ne e le ntlo ya kgaitsediagwe Noyiswa, e ke neng ke tlile go dula mo go yona ka beke ya ntlha. Mo bosigong joo ke ne ka lela le go lela. Ke ne ka lemoga ka maikutlô a tatlhegelo gore seno e ne e le bokhutlô jwa bosetsana jwa me.

Morago ga beke ya ntlha, o ne a romela banna ba le babedi kwa go rre le bomorwarre ba me go ba bolelela kwa ke leng teng. ‘O tsere morwadiaka ntle le tetla ya me’, rre o a mmolelela a šakgetse. ‘O tla tshwanela ke go re fa kgomo ya tlaleletsô.

Dikgomo di le lesome tsa magadi le e le nngwe ya go sa kope tetla.’ Moletlo o ntse kwa ntlong ya batsadi ba ga Milton. Botlhe ba losika lwa gagwe ba ne ba le teng. Rre o ne a sa kgone go tla, go ne go le kgakala thata.

Mogolo gotswa mo motseng o ne a tla go re nyadisa. ‘O mohumagadi o mo ša jaanong mme leina la gago ke Nothozamile’, o ne a nthaya. ‘O na le lolapa lo lo ša jaanong, ka rre yo mo ša le mmê le bokgaitsedi, mme o tshwanetse go amogela seo. Ga o sa tlhole o le mosetsana. O tshwanetse go itshwara jaaka mosadi jaanong.’.

Kwa bokhutlong jwa moletlo o ne a re, ‘Jaanong le indoda nomfazi, monna le mosadi.’ Nku e ne ya tlhabelwa moletlo, mme basadi ba losika ba ne ba dira salate, reisi le setampa go jewa ka nama. Morago ga fao, re ne re nyalane ka tshwanelo. Botshelo jwa me jaaka mohumagadi bo ne jwa simolola.

Translated by Nchema Rapoo